Selelo sa babogisiwi
1 Sefela sa thuto sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi.
2 Modimo, re utlwile ka ditsebe,
borraetsho ba re boleletse ba re,
o dirile tiro mo metlheng ya bona,
malatsing a bogologolo.
3 O lelekile merafe
ka letsogo la gago,
mme bona wa ba tlhoma;
o sentse ditšhaba,
mme bona wa ba anamisa.
4 Gonne ba ruile lefatshe,
e seng ka marumo a bona,
e bile ga se mabogo a bona
a a ba neileng phenyo;
mme ke seatla sa gago se se jang
le letsogo la gago
le lesedi la sefatlhego sa gago;
gonne o ne o natefelwa ke bona.
5 Modimo, ke wena kgosi ya me;
laolela Jakobe diphenyo.
6 Re tla diga baganetsi ba rona
ka wena;
ba ba re tsogelang re tla ba gataka
ka leina la gago.
7 Gonne ga ke ikanye bora jwa me,
le tšhaka ya me
ga e nke e mpha phenyo.
8 Mme ke wena o re namolang baba,
o tlhabisa ba ba re tlhoileng
ditlhong.
9 Re tla ipelafatsa ka gale
ka Modimo;
re baka leina la gago
ka bosenabokhutlo. Sela.
10 Le fa go ntse jalo o re latlhile,
wa re tlhabisa ditlhong,
mme ga o a bolola
le mephato ya rona.
11 O re katisa ka morago
fa pele ga mmaba,
mme ba ba re tlhoileng
ba thopa di-tsa-rona.
12 O re abetse go tlhajwa jaaka dinku;
o re faladitse mo merafeng.
13 O rekisitse batho ba gago
ka tlhwatlhwa e e seng ya sepe;
wa se ka wa bapala sepe
ka tlhwatlhwa ya bona.
14 O re dira nyatsego
mo go ba re bapileng nabo,
le tshotlo le setshego
mo go ba ba tikologong ya rona.
15 O re dira seane mo ditšhabeng,
re ba ba thukhuthelwang ditlhogo
ke merafe.
16 Tshotlego ya me
e eme fa pele ga me ka gale;
ditlhong tsa sefatlhego sa me
di nkhurumeditse
17 ka ntlha ya go utlwa mosotli
le mokgadi,
le ka ntlha ya go bona mmaba
le moipusolosetsi.
18 Tsotlhe tseo di re wetse,
etswe re sa go lebala
le e seng go ikanyologa
kgolagano ya gago.
19 Dipelo tsa rona
ga di a ka tsa kata ka morago,
le dinao tsa rona ga di a ka
tsa fapoga tsela ya gago.
20 Le fa go ntse jalo o re papetletse
mo mafelong a diphokojwe,
wa re khurumetsa
ka moriti wa loso.
21 Fa re ka bo re lebetse
leina la Modimo wa rona,
gongwe ra otlololela
modimo wa seeng mabogo,
22 a Modimo o ka bo
o sa go tlhotlhomisa,
ka e le ona o o itseng
se se fitlhegileng mo pelong?
23 Mme re tlhola re bolawa
ka ntlha ya gago,
re kaiwa jaaka dinku tsa tlhabo.
24 Thanya, Morena! O robaletseng?
Tloga o eme,
o se ka wa re latlhela ruri.
25 O fitlhelang sefatlhego sa gago,
o lebalelang pogisego ya rona
le patikego ya rona?
26 Gonne mewa ya rona
e obegetse mo loroleng,
mebele ya rona e kgomaretse mmu.
27 Nanoga o re thuse, o be o re golole
ka ntlha ya bopelotlhomogi
jwa gago.