DIPESALOME 43

Go solofela mo Modimong

1 Nkatlhole, Modimo,

o nkemele mo tshekong ya me

le batho ba ba se nang lorato,

o nkgolole mo bathong ba tsietso

le ba tshiamololo.

2 Gonne ke wena Modimo

wa botshabelo jwa me.

Mme o ntatlhetseng?

Ke ka ntlhaang,

fa ke tsamaya ke hutsafetse

ka go bogisiwa ke mmaba?

3 Romela lesedi la gago

le boammaaruri jwa gago;

a di nkgoge, di nkise kwa thabeng

ya gago e e boitshepo

le kwa maagong a gago

4 gore ke fitlhe kwa aletareng

ya Modimo,

kwa Modimong wa boitumelo

jwa me jo bo ntuduedisang,

le go go baka ka harepa, Modimo,

Modimo wa me.

5 O obegetseng, mowa wa me,

o huduegelang mo teng ga me?

Solofela mo Modimong;

gonne ke tla ba ke o leboga

ka e le ona thuso ya sefatlhego

sa me le Modimo wa me.