Batsofe le batlholagadi
1 O se ka wa kgalemela monnamogolo, mme o mo kaele jaaka e kete ke rraago,
2 le basadi-bagolo jaaka e kete ke bommaago, le ba bašwa jaaka e kete ke bokgaitsadio, ka boitsheko jotlhe.
3 Batlholagadi ba e leng batlholagadi tota o ba tlotle.
4 Mme fa motlholagadi a na le bana gongwe bana ba bana, a bao ba ithute go supa bodumedi pele mo go ba ga bone le go leboga batsadi ba bone; gonne seo ke se se kgatlhang Modimo.
5 Mme ene yo e leng motlholagadi tota, a tlogetswe a le esi, o solofetse mo Modimong, o tswelela pele ka mekokotlelo le ka merapelo bosigo le motshegare;
6 mme yo o phelelang dikgatlhego tsa gagwe ene o sule, le fa a ntse a phela.
7 Dilo tseo le tsona o di ba laele gore ba nne ba ba se nang molato.
8 Fa motho a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo, o bosula bogolo go yo o sa dumeleng.
9 A mo palong go kwalwe motlholagadi fela wa dinyaga tse di sa tlhaeleng 60, yo o neng e le mosadi wa monna a le mongwe fela,
10 a na le tshupo ya ditiro tse di molemo tsa gore o godisitse bana, a tshola baeng, a tlhapisa baitshepi dinao, a thusa ba ba pitlagantsweng, a tlhokomela tiro nngwe le nngwe e e molemo.
11 Batlholagadi ba e sa ntseng e le ba bašwa, o ba gane; gonne e a re fa ba fenngwa ke dikeletso mo go tlotlololang Keresete, ba rate go nyalwa,
12 ba welwe ke katlholo ya gore ba dirolotse maikano a bone a pele.
13 Mme le gona ba ineela botshwakga, ba tlwaela go tlhôtlhôma le malapa; mme ga se go tshwakgafala fela, e bile ke babalabadi le batshwenyi ba ba buang tse di sa tshwanelang.
14 Ka ntlha ya moo ke batla gore batlholagadi ba e sa ntseng e le batho ba bašwa ba nyalwe, ba tshole bana, ba dise lelapa, gore ba se nee moganetsi lebaka la go kgoba.
15 Gonne bangwe ba setse ba fapogile, ba latela Satane.
16 Fa modumedi a na le batlholagadi, a a ba tlamele gore phuthego e se ka ya imediwa, yona e tlamele ba e leng batlholagadi tota.
Ka ga ditshwanelo tsa Bagolo le dikaelo tse dingwe
17 Bagolo ba phuthego ba ba tshwereng tiro sentle a ba kaiwe ba tshwanetswe ke tlotlo e e menaganyeng, bogolo bone ba ba dirang ka lefoko le ka thuto;
18 gonne Lokwalo lo a re: “Kgomo e e phothang o se ka wa e bofa molomo;” gape lo a re: “Modiri o tshwanetswe ke tuelo ya gagwe.”
19 Fa mogolo wa phuthego a latofadiwa, se amogele tatofatso eo, fa e se ka basupi ba babedi gongwe ba bararo.
20 Ba ba leofang o ba kgalemele fa pele ga botlhe gore ba bangwe le bone ba boife.
21 Ke go laya fa pele ga Modimo le Keresete Jesu le baengele ba ba tlhaotsweng gore o tlhokomele dilo tseo; o se ka wa atlhola o ise o tlhotlhomise, o se dire sepe ka go gobelelela motho.
22 O se ka wa baya motho ope diatla ka potlako, le gona o se ka wa itsenya mo maleong a batho ba bangwe. Wena o nne o itshekile.
23 O se tlhole o nwa metsi fela, mme o nwe weinenyana ka ntlha ya mala a gago, le ka o fokola gantsi.
24 Maleo a batho bangwe a itsege gotlhe, a ba etelela pele kwa katlholong, mme a ba bangwe a a ba latela.
25 Go ntse jalo le ditiro tse di molemo, di itsege gotlhe; mme tse di sa itsegeng ga di ka ke tsa fitlhegela ruri.