Bopelontle jwa Modimo bo molemolemo jang ne!
1 Pesalome ya ga Dafita, motlhanka waMorena, e e kwaletsweng moopedisi.
2 Mosenyi a re:
“Maikaelelo a ka ke go senya.”
Go tshoga Modimo ga a go itse.
3 Gonne o ikgatlha ka esi,
a ithaya a re,
molato wa gagwe ga o kitla
o bonwa le e seng go tlhoiwa.
4 Mafoko a molomo a gagwe
ke boikepo le tsietso;
o gana go dira tsa botlhale
le tse di molemo.
5 O akanya boikepo
mo bolaong jwa gagwe;
o ikemisa mo tseleng
e e seng molemo;
bosula ga a bo tlhoe.
6 Morena, bopelontle jwa gago
bo fitlha kwa magodimong;
boikanyego jwa gago
bo fitlha kwa marung.
7 Tshiamo ya gago e ntse
jaaka dithaba tsa Modimo;
dikatlholo tsa gago ke boteng
jo bogolo jwa metsi.
Morena, o thusa batho le diphedi.
8 Kana bopelontle jwa gago,
Modimo, bo molemolemo jang ne!
Bana ba batho
ba tshabele mo moriting
wa diphuka tsa gago.
9 Ba ja monate wa monono
wa Ntlo ya gago;
o ba nosa mo nokeng
ya dinatefo tsa gago.
10 Gonne motswedi wa bophelo
o fa go wena;
re bona lesedi ka lesedi la gago.
11 Tsweletsa bopelontle jwa gago
mo go bona ba ba go itseng,
le tshiamo ya gago mo go bona
ba ba dipelo di tlhamaletseng.
12 A lonao lwa boikgantsho
lo se nkgate,
a diatla tsa baikepi di se nteleke.
13 Foo badiradibe ba tla bo ba ole,
ba digilwe,
mme ba tla palelwa ke go tsoga.