DIPESALOME 34

Morena o femela modumedi

1 Pesalome ya ga Dafita, e a e kwadileng jale, fa a itira setsenwa fa pele ga Abimelege, yo o neng a mo leleka, mme a tsamaya.

2 Ke rata go bakaMorena

ka metlha yotlhe,

tumiso ya gagwe e tla nna

mo molomong wa me ka gale.

3 Mowa wa me o tla ipelafatsa

kaMorena.

Baitshoki ba tla utlwa, ba itumela.

4 GodisangMorenale nna,

a re tlotlomatseng

leina la gagwe mmogo.

5 Ke ne ka batlaMorena,

mme a nkaraba,

a ba a nkgolola

mo dipoifong tsotlhe tsa me.

6 Ba ba lebileng ena

ba galalela difatlhego,

mme difatlhego tsa bona

ga di kitla di sosobana.

7 Motho yo wa batho o biditse,

mmeMorenaa utlwa,

a mo thusa

mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.

8 Moengele waMorena

o thibelela tikologong

ya bona ba ba mmoifang,

a ba golola.

9 Lekang lo bone,

faMorenaa le molemo;

go sego monna

yo o itiketsang ka ene.

10 BoifangMorena,

lona baitshepi ba gagwe;

gonne ba ba mmoifang

ga ba nke ba tlhoka sepe.

11 Ditawana di a tlhoka,

di bolawa ke tlala;

mme ba ba batlangMorena

bona ga ba kitla ba tlhoka

molemo ope.

12 Bana ke lona, tlayang lo ntheetse!

Ke rata go lo ruta

go boifaMorena.

13 Motho ke ofe

yo o eletsang bophelo,

a rata bontsi jwa malatsi

gore a tle a bone molemo?

14 Thibela loleme lwa gago

mo bosuleng,

le molomo wa gago

gore o se ka wa bua tsietso.

15 Thibogela bosula, o dire molemo;

batla kagiso, o bo o e latelele.

16 Matlho aMorena

a lebile ba ba mmoifang;

ditsebe tsa gagwe di sekegetswe

go lelela thuso ga bona.

17 Sefatlhego saMorena

se kgatlhanong

le ba ba dirang bosula

gore a fedise

go gopolwa ga bona mo lefatsheng.

18 Basiami ba biditse,

mmeMorenaa utlwa,

a ba golola

mo ditlalelong tsotlhe tsa bona.

19 Morenao gaufi

le ba ba pelo di thubegileng,

o pholosa

ba ba mewa e kgobegileng.

20 Dipogo tsa mosiami di dintsi,

mmeMorena

o di mo namolela tsotlhe.

21 O boloka marapo otlhe a gagwe,

ga go lepe la ona le le robiwang.

22 Bosula bo bolaya moikepi;

ba ba tlhoileng mosiami

ba tla bonwa molato.

23 Morenao golola mewa

ya batlhanka ba gagwe;

botlhe ba ba mo ikanyang

ga ba kitla ba bonwa molato.