DIPESALOME 33

Sefela sa go opelela Mong-wa-thata-yotlhe. Bopelontle jwa Modimo le boitshwarelo jwa ona

1 Lona basiami,

dudueletsangMorena,

sefela sa pako

se tshwanetse batlhamaladi.

2 BakangMorenaka kitara,

lo mo opelele ka harepa

e e dithapo di le some.

3 Mo opeleleng sefela se sešwa,

letsang sentle ka tumo e kgolo;

4 gonne lefoko laMorenake nnete,

le go dira gotlhe ga gagwe

go a ikanyega.

5 O rata tshiamo le molao;

lefatshe lotlhe le tletse

bopelotlhomogi jwaMorena.

6 Magodimo a dirilwe

ka lefoko laMorena,

le lesomo lotlhe la ona

ka mowa wa molomo wa gagwe.

7 O kgobokanya metsi a lewatle

e kete mo lekukeng,

o tsenya merwalela mo difaleng.

8 A lefatshe lotlhe le boifeMorena,

a botlhe ba ba agileng

mo lefatsheng

ba rorome fa pele ga gagwe.

9 Gonne o buile, mme ga direga;

a laola, ga ba ga nna teng.

10 Morenao nyeleditse

kgakololo ya ditšhaba,

a senya maano a merafe.

11 Kgakololo yaMorena

e tlhomame ka bosakhutleng,

le maano a pelo ya gagwe

go ya tshikatshikeng.

12 Go sego morafe

oMorenae leng Modimo wa ona,

batho ba a ba itlhaoletseng

go nna boswa jwa gagwe.

13 Morenao leba

a le mo legodimong,

o bona bana ba batho botlhe;

14 a le mo felong ga boago jwa gagwe,

o lebile botlhe

ba ba agileng mo lefatsheng;

15 ena yo o bopileng

dipelo tsa bona botlhe,

yo o tlhokometseng

ditiro tsotlhe tsa bona.

16 Kgosi ga e fenye

ka mophato o mogolo;

mogale ga a pholosiwe

ka thata e kgolo.

17 Pitse ga e ikanyege

go ka isa phenyong;

ga e ka ke ya pholosa ope

ka thata e kgolo ya yona.

18 Bonang, leitlho laMorena

le lebile bona ba ba mmoifang,

bona ba ba lebeletseng

bopelontle jwa gagwe,

19 gore a pholose maphelo a bone

mo losong,

le go ba phedisa,

fa ba le mo tlaleng.

20 Mewa ya rona e lebeletseMorena;

ke ena thuso ya rona

le thebe ya rona.

21 Gonne dipelo tsa rona

di itumela mo go ena,

ka re ikanya leina

le le boitshepo la gagwe.

22 Morena, a bopelontle jwa gago

bo nne mo go rona,

fela ka fa re go lebeletseng ka teng.