Selelo le thapelo le tebogo
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.
2 Ke ikanya wena,Morena;
a ke se ka ka tlhajwa ke ditlhong
ka bosakhutleng;
nkgolola ka tshiamo ya gago.
3 Ntshekegele tsebe,
o nkgolole ka bonako;
o nne lefika la me la botshabelo
le ntlo ya phemelo
kwa thabeng ya go nthusa.
4 Gonne ke wena lefika la me
le botshabelo jwa me;
ka moo o nkgoge, o ntsamaise
ka ntlha ya leina la gago.
5 O tla ntshwatola mo letloeng
le ba nthaisitseng ka lone
mo sephiring;
gonne ke wena botshabelo jwa me.
6 Ke neela mowa wa me
mo seatleng sa gago,
ke wena yo o nkgolotseng,
Morena,
Modimo o o ikanyegang.
7 O ila ba ba direlang medimo
ya boithamako,
mme nna ke ikanyaMorena.
8 Ke tla duduetsa, ke itumela
ka ntlha ya bopelontle jwa gago,
ka o bonye pogisego ya me,
wa ba wa tlhokomela
mowa wa me mo ditlalelong.
9 Mme ga o a ka wa ntsenya
mo seatleng sa mmaba;
dinao tsa me o di tlhomile
mo patlelong e e atlhameng.
10 Nkutlwele botlhoko,Morena,
gonne ke pitlagantswe;
leitlho la me le mowa wa me
le mmele wa me
di tlhontse ka bohutsana.
11 Gonne bophelo jwa me
bo fedisiwa ke tshwenyego,
le dinyaga tsa me ke phegelo;
thata ya me e reketla
ka ntlha ya tshiamololo ya me,
marapo a me a a kgobega.
12 Ke nyatsegile
mo baganetsing ba me botlhe,
bogolo mo go ba ke bapileng nabo,
ka nna yo o tshosang
mo go ba ke itsanyeng nabo.
Ba ba mponang kwa mmileng
ba a ntshaba.
13 Ke lebetswe mo pelong
jaaka moswi;
ke ntse jaaka nkgwana
e e thubegileng.
14 Gonne ke utlwa kgalo ya batho
ba le bantsi.
Poitshego e ntlheng tsotlhe,
ka ba gakololana ka ga me;
ba ikaeletse go mpolaya.
15 Mme nna ke ikantse wena,
Morena,
ka re: “O Modimo wa me.”
16 Sebaka sa me
se mo seatleng sa gago.
Nkgolole
mo diatleng tsa baba ba me
le mo go ba ba ntelekileng.
17 Phatsimisetsa motlhanka wa gago
sefatlhego sa gago,
o nthuse
ka boutlwelo-botlhoko jwa gago.
18 Morena,
se ntese ka tlhajwa ke ditlhong,
gonne ke goela kwa go wena.
A baikepi ba tlhajwe ke ditlhong,
a ba tlhoke puo
kwa felong ga baswi.
19 A melomo ya maaka e didimadiwe,
e e buang ka makgakga
ka ga mosiami ka boikgantsho
le lenyatso.
20 Kana molemo wa gago
o mogolo jang,
o ò o boloketseng ba ba go boifang,
wa o direla bona ba ba go ikanyang
fa pele ga bana ba batho.
21 O ba fitlha mo botikelong
jwa sefatlhego sa gago
ka ntlha ya dikhuduo tsa batho;
o ba fitlha mo motlaaganeng
gore ba se ka ba angwa
ke dikgantsho tsa diteme.
22 AMorenaa bakwe,
ka a ntiretse boutlwelo-botlhoko
jwa gagwe
ka mokgwa o o gakgamatsang
mo motseng o o thata.
23 Le gale nna, e rile ke tshoga, ka re:
“Ke kgaotswe, ke tlositswe fa pele
ga matlho a gago.”
Mme ruri, ya re ke goela thuso
kwa go wena,
wa utlwa selelo sa mekokotlelo
ya me.
24 RatangMorena, lona lotlhe
baratiwa ba gagwe.
Morenao boloka
ba ba ikanyegang;
mme o duela ka botlalo
ene yo o dirang ka boikgantsho.
25 Nametsegang, mme
a dipelo tsa lona di natlafale,
lona lotlhe ba lo lebelelang
Morena.