DIPESALOME 30

Bogale jwa Modimo ke jwa sebakanyana, mme molemo wa ona ke wa bosakhutleng

1 Pesalome ya ga Dafita. Sefela sa kgakolo ya Tempele.

2 Ke tla go godisa,Morena;

gonne o ntshwatotse,

mme ga o a ka wa leseletsa

baba ba me go itumela ka ga me.

3 Morena, Modimo wa me,

ke goetse thuso kwa go wena,

mme o mphodisitse.

4 Morena, o tlhatlositse mowa

wa me mo felong ga baswi,

o mphedisitse ke le mo go bona

ba ba fologelang mo moleteng.

5 OpelelangMorena,

lona baratwi ba gagwe,

lo bake segopotso

sa boitshepo jwa gagwe.

6 Gonne bogale jwa gagwe

ke jwa sebakanyana,

mme bopelontle jwa gagwe

ke jwa bophelo jotlhe.

Maitsiboa go lale go le selelo,

mme mo mosong

go tsoge go le boitumelo.

7 Mo boiketlong jwa me

ke itheile ka re:

“Ga nkitla ke tshikinyega

ka bosenabokhutlo.”

8 Morena, e rile o intumelela,

wa nkemisa mo thabeng ya me

e e thata;

mme ya re o fitlha sefatlhego

sa gago, ka tshoga.

9 Ka goela kwa go wena,Morena,

ka kopa Morena

ka mekokotlelo ka re:

10 “Go tla go thusa eng,

fa madi a me a tshololwa,

ke fologela mo lebitleng?

A lerole le ka go baka,

a le ka bolela boammaaruri

jwa gago?

11 Utlwa,Morena,

o ntlhomogele pelo;

Morena, o nne mothusi wa me.”

12 Selelo sa me o se mphetoletse pina,

o nkapotse lesela la khutsafalo,

wa ntlama ka boitumelo

13 gore kgalalelo ya me

e go opelele pako,

mme e se didimale.

Morena, Modimo wa me,

ke tla go leboga ka bosakhutleng.