Thapelo yo mokopa-thuso yo o se nang molato
1 Pesalome ya ga Dafita.
Ntshiamisetsa,Morena,
gonne ke ntse ke tsamaya
ke se na molato,
ke ikantseMorena
ke sa tshikinyege.
2 Ntlhotlhomise,Morena, o nkeleke;
tlhatlhoba diphilo tsa me
le pelo ya me.
3 Gonne bopelotlhomogi jwa gago
bo fa pele ga matlho a me,
mme ke tsamaya
mo boaammaaruring jwa gago.
4 Ga ke nne le batho ba maaka,
ga ke phele le maferefere.
5 Ke ila phuthego ya basulafatsi,
mme ga ke nne le baikepi.
6 Ke tlhapa diatla
mo bosenangmolato,
mme ke tla potologa
aletare ya gago,Morena,
7 gore ke utlwatse lentswe la pako
le go bolela dikgakgamatso tsotlhe
tsa gago.
8 Morena, ke rata boago
jwa Ntlo ya gago,
e bong felo fa kgalalelo ya gago
e agileng teng.
9 Se gogoreletse mowa wa me
le baleofi,
le e seng bophelo jwa me
le batshololamadi;
10 ba go leng ditshenyo
mo diatleng tsa bona,
ba mabogo a a jang a bona
a tletseng theko ya phaposo.
11 Mme nna ke tsamaya
ke se na molato.
Nkgolola,Morena,
o be o intshwarele.
12 Lonao lwa me lo eme
mo patlelong, ke tla tumisa
Morenamo diphuthegong.