DIPESALOME 25

Boitshwarelo le tshireletso

1 Pesalome ya ga Dafita.

Ke tsholeletsa mowa wa me

kwa go wena,Morena.

2 Modimo wa me, ke a go ikanya.

A ke se tlhajwe ke ditlhong,

a baba ba me ba se ntudueletse.

3 Ee, mo go botlhe

ba ba go lebeletseng

ga go ope

yo o tla tlhajwang ke ditlhong.

Ba ba tla tlhajwang ke ditlhong ke

ba ba ikepang kwa ntle ga lebaka.

4 Morena, nkitsise ditsela tsa gago,

o nthute ditselana tsa gago.

5 Ntsamaise mo boammaaruring

jwa gago, o nthute;

gonne ke wena

Modimo wa pholoso ya me;

ke lebeletse wena ka gale.

6 Morena,

gopola mautlwelo-botlhoko a gago

le maitshwarelo a gago,

gonne a ntse a le teng

ka bosenatshimologo.

7 O se ka wa gopola maleo

a bokau jwa me le ditlolo tsa me.

Nkgopole ka fa boitshwarelong

jwa gago

ka ntlha ya molemo wa gago,

Morena.

8 Morenao molemo, ke wa nnete.

Ke gona ka moo

a rutang baleofi tsela.

9 Ba ba pelonolo

o ba tsamaisa ka tshiamo;

ba ba pelonolo

o ba ruta tsela ya gagwe.

10 Ditselana tsotlhe tsaMorena

ke tsa bopelotlhomogi

le boammaaruri

mo go bona ba ba bolokang

kgolagano ya gagwe

le ditshupo tsa gagwe.

11 Morena,

intshwarele molato wa me

ka ntlha ya leina la gago,

gonne o mogolo.

12 Motho yo o boifangMorena

ke mang?

O tla mo ruta ka ga tsela

e o tshwanetseng go e itlhaolela.

13 Ene ka esi o tla aga a le tlhogonolo;

losika lwa gagwe lo tla rua lefatshe.

14 Morenao kopana le ba ba mmoifang,

o ba itsise kgolagano ya gagwe.

15 Matlho a me

a lebileMorenaka gale;

gonne o tla ntsha dinao tsa me

mo letloeng.

16 Retologela kwa go nna,

o intshwarele;

gonne ke nosi, mme ke tlaletswe.

17 Ditlalelo tsa pelo ya me

di oketsegile thata.

Nnamolela

mo dipatikegong tsa me.

18 Leba tlalelo ya me

le thekisego ya me,

mme maleo a me

o a intshwarele otlhe.

19 Leba baba ba me,

gonne ba bantsi;

ba ntlhoile ka letlhoo

le le bolayang.

20 Boloka mowa wa me, o nkgolole.

A ke se tlhajwe ke ditlhong,

gonne ke a go ikanya.

21 A bosenamolato le nnete

di mpoloke;

gonne ke go lebeletse.

22 Modimo, golola Iseraele

mo ditlalelong tsotlhe tsa gagwe.