Morena ke modisa wa me
1 Pesalome ya ga Dafita.
Morenake modisa wa me,
ga nkitla ke tlhoka sepe.
2 O mpothisa mo mafulong
a matalana,
o nkgogela kwa metsing a tapoloso.
3 O lapolosa mowa wa me;
o ntsamaisa mo ditseleng
tsa tshiamo
ka ntlha ya leina la gagwe.
4 Le fa ke tsamaya mo mogorogorong
wa moriti wa loso,
ga nkitla ke boifa bosula bope;
gonne o na le nna.
Tsamma ya gago
le seikokotlelo sa gago
di a nkgomotsa.
5 O baakanya bojelo fa pele ga me
go lebagana le baba ba me;
o ntlotsa tlhogo ka lookwane;
senwelo sa me se tletse,
se a penologa.
6 Ruri molemo le boitshwarelo
di tla ntshala morago
ka malatsi otlhe a bophelo jwa me;
ke tla nna mo Ntlong yaMorena
go ya bosakhutleng.