Modimo wa me, o ntlogeletseng?
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi ka moopelo wa: “Tshephe ya mahube.”
2 Modimo wa me, Modimo wa me,
o ntlogeletseng,
wa nna kgakala le thuso ya me,
kgakala le mafoko
a selelo se segolo sa me?
3 Modimo wa me,
ke bitsa motshegare,
mme ga o nkarabe;
le mo bosigong ke a lela,
mme ga ke gomotsege.
4 Etswe o le Moitshepi,
wena yo o agileng
mo dipakong tsa Iseraele.
5 Borraetsho ba ne ba go ikanya,
ba ne ba ikanya, mme o ba golole.
6 Ba ne ba goela kwa go wena,
mme ba pholosiwa;
ba ne ba go ikanya,
mme ba se ka
ba tlhajwa ke ditlhong.
7 Mme nna ke seboko fela,
ga ke motho;
ke lesotlwa la batho
le monyatsegi wa morafe.
8 Botlhe ba ba mponang
ba sotla ka nna,
ba petla melomo,
ba thukhutha ditlhogo ba re:
9 “O pitiketse matshwenyego
kwaMoreneng!
A ene a mo golole, a mo pholose,
fa a kgatlhwa ke ene.”
10 Ee, ke wena yo o nntshitseng
mo mmeleng wa ga mme;
wa ntapolosa
mo mabeleng a ga mme.
11 Ke sa le ke latlhelwa mo go wena,
fa ke tsalwa;
o Modimo wa me
go tswa botsalong jwa me.
12 Se nne kgakala le nna,
gonne pitlagano e gaufi,
mme ga go na mothusi.
13 Dipoo tse dintsi di ntikanyeditse;
dipoo tse di thata tsa Basane
di ntikile.
14 Di nkatlhamiseditse
magano a tsona,
jaaka tau e e gagolang, e e dumang.
15 Ke tsholotswe jaaka metsi,
marapo otlhe a me a lokologile;
pelo ya me e fetogile
ya nna jaaka mmotu,
e gakologile mo teng ga me.
16 Thata ya me e omeletse
jaaka lengetana,
loleme lwa me
lo kgomaretse magalapa a me;
mme o ntatsa mo loroleng lwa loso.
17 Gonne dintšwa di ntikanyeditse,
lesomo la basenyi le ntsentse gare;
ba phuntse diatla tsa me
le dinao tsa me.
18 Nka bala marapo otlhe a me,
mme bone ba a mpona,
ba ntebile ba kgatlhega.
19 Ba kgaogana diaparo tsa me,
mme kojwana ya me
ba e tlhamela tengwa.
20 Mme wena,Morena,
se nne kgakala le nna,
wena thata ya me,
itlhaganelele go nthusa.
21 Pholosa botshelo jwa me
mo tšhakeng,
botshelo jo bo nosi jwa me
mo thateng ya ntšwa.
22 Nkgolole mo leganong la tau,
o nkarabe (ka go mpholosa)
mo dinakeng tsa dinare.
23 Ke rata go bolelela ba ga etsho
leina la gago,
ke go tumisa mo phuthegong:
24 “Lona ba lo boifangMorena,
mo galaletseng;
lona boora Jakobe lotlhe,
mo tlotleng;
lona boora Iseraele lotlhe,
mmoifeng!
25 Gonne ga a ka a nyatsa tlalelo
ya motlalelwi,
le e seng go tenwa ke yona,
le e seng go mo fitlhela sefatlhego,
mme e rile a goela thuso
kwa go ene, a mo ngoka.”
26 Pako ya me mo phuthegong
e kgolo e tswa mo go wena.
Maikano a me ke tla a dirafatsa
fa pele ga bone ba ba mmoifang.
27 Ba ba pelonolo ba tla ja, ba kgora;
ba ba batlangMorena
ba tla mo galaletsa.
A dipelo tsa lona
di lapologe ka bosakhutleng!
28 Dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe
di tla gakologelwa,
di boela kwaMoreneng,
mme ditshika tsotlhe tsa merafe
di tla obamela fa pele ga gago.
29 Gonne bogosi ke jwaMorena,
o busa merafe.
30 Botlhe ba ba robetseng
mo diphupung
ba tla obamela ene fela;
botlhe ba ba fologetseng
kwa leroleng
ba tla khubama fa pele ga gagwe,
mme ke ene yo mowa wa me
o mo phelelang.
31 Losika lo lo tlang lo tla mo direla;
losika lo lo kwa pele
lo tla bolelelwa ka ga Morena.
32 Ba tla tla ba itsise morafe
o o tla tsalwang tshiamo ya gagwe
goreMorenao dirile jalo.