DIPESALOME 20

Thapelo ya go rapelela kgosi, fa e bololela ntweng

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2 AMorenaa go utlwe

ka letsatsi la tlalelo;

a leina la Modimo wa ga Jakobe

le go femele.

3 A a go romele thuso e e tswang

mo Felong-ga-Boitshepo,

a go kokotletse a le mo Sione.

4 A a gopole ditshupelo tsotlhe

tsa gago tsa dijo;

a be a itumelele setlhabelo sa gago

sa phiso. Sela.

5 A a go neye se pelo ya gago

e se eletsang,

a dirafatse maikaelelo otlhe a gago.

6 Re tla dudueletsa phenyo ya gago,

re tlhoma difoka

ka leina la Modimo wa rona.

AMorenaa dirafatse

dikopo tsotlhe tsa gago.

7 Jaanong ke itse goreMorena

o thusa motlodiwa wa gagwe,

a mo utlwa a le kwa legodimong

le le boitshepo la gagwe

ka thata e e pholosang

ya letsogo le le jang la gagwe.

8 Bangwe ba boka

dikoloi tsa tlhabano,

ba bangwe ba boka dipitse;

mme rona re baka

leina laMorena,

Modimo wa rona.

9 Bao, ba obegile ba wa;

mme rona

re tsogile re eme ka tlhomamo.

10 Morena, thusa kgosi,

o re utlwe mogang re go bitsang.