Itshenolo ya Modimo ka dilo tsa tlholego le ka lefoko
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.
2 Magodimo a bolela
kgalalelo ya Modimo,
phuthologo e rera tiro tsa ona.
3 Letsatsi le bilolela letsatsi
le lengwe polelo,
le bosigo bo utlwaletsa bosigo
jo bongwe kitso.
4 Ga go na polelo le e seng mafoko;
modumo wa tsona ga o utlwale.
5 Modumo wa ona magodimo
o tswetse mo lefatsheng lotlhe,
le mafoko a ona a fitlha
kwa mafelelong a lefatshe;
Modimo o beetse letsatsi tente
kwa go ona magodimo.
6 Le tshwana le monyadi
yo o tswang mo ntlwaneng
ya borobalo ya gagwe,
le itumelela go taboga tseleng
ya lone jaaka mogale.
7 Le tswa kwa bokhutlong
jwa magodimo,
le dikologa go ya bokhutlong
jo bongwe jwa ona,
mme ga go sepe se se fitlhetsweng
mogote wa lone.
8 Molao waMorenao botlalo,
o lapolosa mowa;
tshupo yaMorenae a ikanyega,
e tlhalefisa yo o sa tlhalefang.
9 Ditao tsaMorenadi siame,
di itumedisa pelo;
taolo yaMorenae phepa,
e bonesa matlho.
10 Go boifaMorenago itshekile,
go bile go nnela ruri;
tseMorenaa di siamisitseng
ke tsa nnete,
di bile di siame tsotlhe.
11 Di eletsega bogolo go gouta
le bontsi jwa gouta e ntlentle;
di botshe bogolo go dinotshe,
e bong mafura a tsona.
12 Le motlhanka wa gago
o sedimosediwa ka tsona;
go di tlhokomela go na le mosola
o mogolo.
13 Ke mang yo o ka itemogang
diphoso tsotlhe?
Intshwarele tse di fitlhegileng.
14 Le gona thibela motlhanka wa gago
mo maleong a boikgantsho,
a a se ntaole.
Foo ke tla nna mosiami,
ke se na molato wa boleo
jo bogolo.
15 A mafoko a molomo wa me
le kakanyo ya pelo ya me
di go kgatlhe,Morena,
lefika la me le mogolodi wa me.