DIPESALOME 16

Modimo o molemo bogolo bogolo

1 Loboko lwa ga Dafita.

Modimo, mpoloke,

gonne ke ikanya wena!

2 Ke reileMorenaka re:

“Ke wena Morena wa me,

ga ke na molemo ope

kwa ntle ga gago.”

3 Fa e le baitshepi

ba ba mo lefatsheng,

bona batlotlegi

ke ba ba nkgatlhang.

4 Dipogo tsa bona ba ba ipatlelang

medimo e sele di tla ntsifala.

Ga nkitla ke e isetsa ditshupelo

tsa madi,

le e seng go bua maina a yona

ka molomo wa me.

5 Morena

ke kabelo ya boswa jwa me,

le ya senwelo sa me;

o tshegeditse kabelo ya me.

6 Melelwane e ntiteetse

ka fa mafelong a a monate.

Ee, ke na le boswa jo bontle.

7 Ke tla bakaMorena

yo o nkgakolotseng.

Ee, le mo bosigong diphilo tsa me

di a nkaela.

8 Ke ntse ke emisitseMorena

fa pele ga matlho a me;

ga nkitla ke tshikinyega,

ka a nkeme ka fa letsogong

le le jang.

9 Ka moo pelo ya me e a itumela,

le mowa wa me o a ipela;

mmele wa me le ona

o tla ikhutsa o iketlile.

10 Gonne

ga o kitla o tlogela mowa wa me

go tsena mo bobipong,

le e seng go leseletsa moitshepi

wa gago go bona go bola.

11 O tla nkitsise tsela ya bophelo;

go kgora boitumelo,

go fa pele ga sefatlhego sa gago,

le go ja monate

fa letsogong le le jang la gago

ka bosakhutleng.