DIPESALOME 15

Morena, ke mang yo o tla tlholang mo ntlong ya gago?

1 Pesalome ya ga Dafita.

Morena,

ke mang yo o ka tsenang

mo Tenteng ya gago?

Ke mang yo o ka nnang

mo thabeng ya gago

e e boitshepo?

2 Ke ene fela yo o sepelang

a se na molato,

a dira ka tshiamo,

a bua boammaaruri ka pelo;

3 yo o sa senyeng motho leina

ka loleme,

a sa direle mongwe-ka-ene bosula,

a sa kgobe wa ga gabo;

4 yo molatlhegi a nyatsegang

mo matlhong a gagwe,

mme a tlotla

ba ba boifangMorena;

yo e a reng a ikanetse sengwe,

a se ke a fetoge,

le fa a ka senyegelwa;

5 yo o sa adimeng madi

ka go a tsadisa,

a sa rekwe

go patika yo o se nang molato.

Yo o dirang jalo,

ga a kitla a tshikinyega ka gope.