Boikepo jwa motho
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.
Lesilo le bua mo pelong ya lone
le re:
“Modimo ga o yo.”
Ba a senya, ba dira tsa maila;
ga go ope yo o dirang molemo.
2 Morenao lebile bana ba batho
a le mo legodimong,
go bona,
fa go le mongwe yo o botlhale,
yo o batlang Modimo.
3 Ba fapogile botlhe,
ba senyega mmogo.
Ga go ope yo o dirang molemo,
le e seng a le mongwe fela.
4 A botlhe ba ba dirang tshiamololo
ga ba na kitso,
bona ba ba metsang batho ba me
jaaka ba ja senkgwe?
Morenaga ba mmitse.
5 Fooba tla tshoga
mo go boitshegang;
gonne Modimo
o mo losikeng lo lo siameng.
6 Maano a ba a logelang mmogisegi
a tla ba tlhabisa ditlhong,
gonneMorena
ke botshabelo jwa gagwe.
7 E kete pholoso ya Iseraele
e ka bo e tla e e tswang mo Sione!
E ne e tla reMorenaa fetola
tatlhego ya morafe wa gagwe,
Jakobe a duduetse,
Iseraele a itumele.