Dafita o tshabela thapelong
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.
2 Morena,
go tla nna goleele go le kae?
A o tla ntebalela ruri?
O tla mphitlhela sefatlhego sa gago
sebaka se se kana kang?
3 Ke tla akanya goleele go le kae
mo moweng wa me,
ke tlhola ke tletse bohutsana
mo pelong?
Mmaba wa me o tla inkgodisetsa
sebaka se se kana kang?
4 A o ko o bone, o nkutlwe,
Morena, Modimo wa me!
Sedifatsa matlho a me
gore ke se robale thobalo ya loso,
5 le gore mmaba wa me a se re:
“Ke mo fentse,”
mme baganetsi ba me ba se ipele,
fa ke theekela.
6 Mme nna,
ke ikanya boitshwarelo jwa gago;
pelo ya me
e tla ipelela thuso ya gago.
Ke tla opelelaMorenapako,
ka a ntiretse molemo.