Thapelo ya go rapelela batho botlhe
1 Jaanong ke kaela pele ga tsotlhe gore dikopo le dithapelo le dithapelelo le ditebogo di direlwe batho botlhe,
2 le dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo, gore re nne le bophelo jwa boiketlo le tidimalo ka poifo-Modimo yotlhe le ka tlotlego.
3 Go dira jalo go molemo, go bile go natefela Modimo, Morepholosi,
4 o o ratang gore batho botlhe ba pholosiwe le go fitlha mo kitsong ya boammaaruri.
5 Gonne go Modimo o le mongwe fela le motsereganyi a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, e bong Keresete Jesu, a le motho,
6 yo o ineetseng go nna tefo ya kgololo ya botlhe; ke yona tshupo e e tla rerwang ka metlha e e leng yona,
7 e ke laotsweng go nna motlhaba-mokgosi le moapostolo wa yona le moruti wa baheitane go ba isa mo tumelong le mo boammaaruring; ke bua nnete mo go Keresete, ga ke ake.
8 Ke ka moo ke ratang gore banna ba rapele mo mafelong otlhe, ba tsholeditse mabogo a a boitshepo kwa ntle ga bogale le pelaelo.
Ditshwanelo tsa mosadi
9 Le gona jalo ke rata gore basadi ba kgabe ka diaparo tse di tshwanetseng ka tshisimogo le ka tekano, e seng ka meriri e e logilweng le ka gouta, gongwe ka ditalama le diaparo tsa tlhotlhwa e kgolo,
10 mme e nne ka ditiro tse di molemo jaaka go tshwanetse basadi ba ba ratang go supa poifo-Modimo.
11 A mosadi a ithute mo tidimalong ka boikokobetso jotlhe.
12 Ga ke letlelele mosadi go ruta, le fa e le go laola monna, mme a a nne mo tidimalong.
13 Gonne Atame o bopilwe pele, Efa a bopiwa morago.
14 Le gona Atame ga a ka a tsiediwa, mme mosadi ene a tsiediwa, a wela mo molatong.
15 Mme o tla pholosiwa ka go belega bana, fa basadi ba ka nna ba ntse ba le mo tumelong le mo loratong le mo boitshepisong jo bo nang le tekano.