1 “A o ka goga kwena ka kobe
le go gatelela loleme lwa yona
ka lodi?
2 A o ka tsenya mogala wa
motlhatlha mo nkong ya yona?
A o ka e phunya lesama ka kobe?
3 A e ka go kokotlela thata?
Gongwe e bua nao ka boleta?
4 A e ka dira kgolagano nao
gore o e tshole,
e nne motlhanka wa gago
ka metlha yotlhe?
5 A o ka tshameka nayo
jaaka e kete ke nonyane?
A o ka e golegela basetsana
ba gago?
6 A batshwari ba ditlhapi
ba ka e bapatsa
ba e kgaoganyetsa barekisi?
7 A o ka tsepamisa marumo
mo letlalong la yona
gongwe dikobe tsa ditlhapi
mo tlhogong ya yona?
8 Baya seatla sa gago mo go yona!
O gopole tlhabano!
Ga o kitla o dira gape.
9 Bona, tsholofelo ya go
e tshwara e a aketsa;
motho o tla wa fela, fa a e bona.
10 Ga go na ope yo o pelokgale
go ka e rumola!
Jaanong yo o ka emelanang
le nna ke mang?
11 Ke mang yo o kileng
a nnaya sengwe,
yo ke ka mmusetsang?
Kana tse di fa tlase ga legodimo
lotlhe ke tsa me.
12 Ga nkitla ke didimala
ka ga ditokololo tsa yona;
ke raya dithata tsa kwena
le bontle jwa popego ya yona.
13 Ke mang yo o ka e apolang
letlalo?
Ke mang yo o ka tsenang
mo gare ga metlhagare
e mebedi ya yona e ntse e utlwa?
14 Ke mang yo o ka bulang kgoro
ya legano la yona?
Meno a yona a boitshega
ka ntlha tsotlhe.
15 Mokokotlo wa yona ke methalo
ya dithebe tsa makape;
a tshwaragantswe ka sekano
se se tiileng.
16 Lengwe le pataganye
le le lengwe;
ga go tsene phefo
mo gare ga ona.
17 Makape a ngaparelanye
a lomaganye;
ga a ka ke a patologana.
18 Go ethimola ga yona
go phatsimisa lesedi;
dintshi tsa matlho a yona
di tshwana le mahube.
19 Mo leganong la yona
go tswa dirumola;
go tswa ditlhase tsa molelo.
20 Dinko tsa yona
di kua musi jaaka pitsa
e e bedisiwang ka molelo
wa metlhatlha.
21 Pudulo ya yona e tukisa magala.
Kgabo ya molelo e tswa
mo leganong la yona.
22 Thata e mo thamong ya yona;
poitshego e e etelela pele.
23 Matlhakore a mmele wa yona a
ngaparelanye a tiile mo go yona;
ga a tshikinyege.
24 Pelo ya yona e thata jaaka lefika;
e tiile jaaka lelwala.
25 Fa e tsoga, go boifa dinatla,
di tlhakane tlhogo ka go rerega.
26 Le fa motho a e rema ka tšhaka,
tšhaka ga e kgone sepe,
le fa e le lerumo gongwe motsu
gongwe selepe.
27 Kwena e kaya tshipi bojang fela;
kgotlho e e kaya dikgong
tse di bodileng.
28 Motsu ga o ka ke wa e tshabisa;
mafika a seragamajwe
ke dirite mo go yona.
29 Molamu e o kaya dirite fela;
e tshega mosumo wa lerumo.
30 Ka fa tlase e na le matlape
a a bogale;
e tlogela metlhala mo lorageng
jaaka selei se se phothang.
31 E bedisa bodiba jaaka pitsa;
e hudua letsha jaaka go huduiwa
pitsana ya ditlhare.
32 E phatsimisa metsi
fa morago ga yona;
motlhala wa yona o tshwana
le moriri o mmududu.
33 Mo lefatsheng ga go na selekane
sa yona; e bopetswe go se boife.
34 E lebile tsotlhe tse dikgolo
e sa boife,
ka yona e le kgosi ya dibata
tsotlhe tse di mabela.”