JOBE 39

1 “A o itse sebaka se mefele

ya mafika e tsalang ka sona?

A o disa ditholo,

fa di segwa ke maralalo?

2 A o bala dikgwedi

fa di ntse di dusa?

A o itse sebaka

se di tsalang ka sona?

3 Di kudupane

di tsale bana ba tsone,

di fetse go segwa ke maralalo.

4 Bana ba tsone

ba tie ba golele mo nageng;

ba di tlogele,

mme ba se ke ba boele

kwa go tsone.

5 Yo o rebotseng esele ya nageng

ke mang,

ke mang yo o bofolotseng

dikgole tsa pitse ya nageng

6 e ke dirileng sekaka ntlo ya yona

ka dira naga ya dikgalaopa

bonno jwa yona?

7 E tshega modumo wa motse;

ga e utlwe dikgalemelo

tsa mokgweetsi.

8 E batla mafulo a yona

kwa dithabeng,

e latelela tsotlhe tse ditala.

9 A nare e ka rata go go direla?

Gongwe a e ka lala

fa segopong sa gago?

10 A o ka golega nare

ka kgole ya yona gore e leme?

Gongwe a e tla ega mekgatsha

e go setse morago?

11 A o ka e ikanya,

ka thata ya yona e le e kgolo?

Gongwe a o ka e tlogelela

tiro ya gago?

12 A o ikaega ka yona

gore e tla busa kotulo ya gago,

e e phuthela

mo seboaneng sa gago?

13 Diphuka tsa ntšhwe

yo monamagadi di a phuphutha.

A diphuka le mafofa tsa gagwe

di supa lorato?

14 Kana o tlogela mae a gagwe

fa fatshe,

mme a a thuthuse mo leroleng.

15 A lebale

gore a ka gatakwa ke ditlhako

gongwe a ka pšhwetlwa

ke diphologolo tsa naga.

16 A direle bana ba gagwe

ka bopeloethata

jaaka e kete ga se ba gagwe.

Le fa tiro ya gagwe e le ya lefela,

ene ga a kgathale.

17 Gonne Modimo

o mo timile botlhale;

ga o a ka wa mo abela

tlhaloganyo.

18 Mme e a re a phuphutha

ka diphuka, a siane,

a tshege pitse

le mopalami wa yona.

19 A o naya pitse thata?

A o apesa thamo ya yona

ka moetse?

20 A o e matlisa jaaka tsie?

Pudulo ya yona e e mabela

e a boitshega.

21 E tiba ka ditlhako

mo molapong e thabile;

e bolole ka thata

go kgatlhantsha marumo.

22 E tshega poifo, mme ga e tshoge;

ga e boe go tshaba ditšhaka.

23 Mo go yona

go tlharakana mokotlopo;

go phatsima tšhaka le lerumo.

24 E ja naga ka loratla le lebelo;

ga e eme, fa lonaka lo lela.

25 Ka nako le nako,

fa go lela lonaka a re: ‘Ahee!’

Mme e dupelele tlhabano

le dikgalemo tsa balaodi

le mekgosi ya ntwa,

e ntse e le kgakala.

26 A segodi se fofa

ka tlhaloganyo ya gago,

se tsharololela diphuka tsa sona

kwa borwa?

27 Kampo a lenong le fofa

kwa godimo ka taolo ya gago,

le dire sentlhaga sa lone

kwa godimo?

28 Le se agile mo mafikeng;

le nna mo menong a dithaba

le mo ditlhoeng tsa tsona.

29 Go tswa teng le tlhola dijo;

matlho a lone a bonela kgakala.

30 Mamphorwana a lone

le ona a nwa madi;

mme fa go leng ditoto teng

le lone le gona.”