JOBE 37

1 “Ee, pelo ya me

e tshosiwa ke tseo,

e tsiboga mo felong ga yona.

2 Utlwang lo reetse loratla

lwa lentswe la ona

le tumo e e tswang

mo molomong wa ona.

3 O e utlwatsa fa tlase

ga legodimo lotlhe,

o bonatsa logadima lwa ona

kwa mafelelong a lefatshe.

4 Lo latelwa ke go duma ga maru;

o dume ka kodu

ya borena jwa ona;

mme ga o thibele dikgadima,

fa kodu ya ona e utlwala.

5 Modimo o duma ka kodu ya ona

mo go gakgamatsang;

o dira tse dikgolo

tse re sa di tlhaloganyeng;

6 gonne o raya semathana o re:

‘Wela fa fatshe!’

Le pula ya leebana le ya medupe

le dipula tsa thata ya ona

o di raya o re jalo.

7 O hunyetsa diatla

tsa batho botlhe mariga

gore batho botlhe

ba lemoge ditiro tsa ona.

8 Foo diphologolo di tsene

mo maiphitlhong a tsona,

di nne mo marobalelong a tsona.

9 Ledimo le tle

le tswa mo ntlong ya lone;

diphefo tse di phatlalatsang maru

di tlise serame.

10 Pudulo e e maruru ya Modimo

e bope dikgapetla;

metsi a a atlhameng

a thatafale ka serame.

11 O imetsa maru ka metsi,

o bo o a phatlalatse,

a ntshe dikgadima tsa ona.

12 A tsamaisiwa kwa le kwa

ka fa taolong ya ona

gore a dire ditiro tsotlhe

tse o di a laetseng

mo tikologong ya lefatshe.

13 Fa o a tlisetsa lefatshe la ona,

e ka nna kotlo

gongwe tshegofatso.

14 Wena Jobe, sekegela tseo tsebe;

iketle, o tlo o tlhaloganye

dikgakgamatso tsa Modimo.

15 A o itse ka fa Modimo

o di laolang ka teng,

fa o gadimisa tladi ya maru

a ona?

16 A o tlhaloganya se se

tsholeditseng maru

le dikgakgamatso

tsa yo o kitso e e tletseng?

17 Wena yo diaparo tsa gago

di nnang bolelo,

fa go foka phefo e e bolelo ya

borwa mo lefatsheng:

18 A wena o ka tsharolola loapi nao

lo lo tiileng jaaka seiponi

sa tshipi?

19 Re itsise se re ka se buang nao;

ga re ka ke ra rulaganya puo epe

ka ntlha ya lefifi.

20 A ona o ka tewa ga twe:

‘Didimala, ke bue’?

Gongwe a motho o kile a re:

‘Ke rata go nyelediwa’?

21 Le gona jalo go a pala

go ka leba lesedi la letsatsi,

fa le phatsima kwa legodimong,

fa phefo e sena go feta

le go le anosa.

22 Gouta e e phatsimang

e tswa kwa bokone,

mme kgalalelo e e boitshegang

Modimo o mo go yona.

23 Mong-wa-thata-yotlhe

ga re mmone;

o mogolo ka thata,

o humile tshiamo;

ga a ka ke a sokamisa tshiamo.

24 Ka moo batho ba tshwanetse

go mmoifa.

Ga a re sepe ka botlhe

ba ba ikayang matlhale.”