1 Elihu a tswelela pele a re:
2 “Iketle go le gonnye,
ke tla go ruta;
gonne mafoko a sa ntse a le teng
a go emela Modimo.
3 Kitso ya me ke rata go e tsaya
kwa kgakala
le go supa gore Mmopi wa me
ke yo o mo nneteng.
4 Gonne ruri,
mafoko a me ga se a maaka;
monna wa kitso e e tletseng
o bua nao.
5 Bona, Modimo o mogolo,
mme ga o tlhokomologe sepe;
ke ona senatla ka thata
le ka tlhaloganyo.
6 Ga o boloke maphelo a baikepi,
mme o siamisetsa
ba ba bogisegang.
7 Ga o fapose matlho a ona
mo basiaming,
mme o ba nnisa le dikgosi
mo ditulong tsa tsona ka metlha;
ba godisiwa jalo.
8 Mme fa ba bofilwe ka dikeetane,
fa ba tshwerwe ka dikgole
tsa matlhoko,
9 foo o ba supetsa ditiro tsa bone
le maleo a bone,
fa ba ne ba ikgodisa,
10 foo o bulela kgalemelo
ditsebe tsa bone,
o ba laola
gore ba boe mo boikepong.
11 Jaanong fa ba o utlwa
le go o ineela,
ba tla tlhola malatsi a bone
ba le tlhogonolo;
ba dika dinyaga tsa bone
di le monate.
12 Mme fa ba sa utlwe,
ba tla nyelela ka lerumo
ba tla swa ba se na kitso.
13 Ba ba pelo-di-bolotsana
ba ngala fela;
ga ba goele thuso,
fa Modimo o ba golegile.
14 Mewa ya bone e tshwanetse
go swa ba sa le bašwa;
maphelo a bone
a na le go fela jaaka
a banna ba medimo ya boaka.
15 Mme o tla pholosa mmogisegi
ka tlalelo ya gagwe;
o mo thibolola ditsebe
ka pitlaganyo.
16 Le wena o go bitsa gore
o tswe mo leganong la tlalelo;
o go biletsa felong
fa go atlhameng,
fa go se nang pitlaganyo,
le mo monateng wa dijo
tse di mafura tsa lojelo lwa gago.
17 Mme katlholo
e e welang moikepi
e go wetse ka botlalo;
tshekiso le katlholo
di go tshwere.
18 A bogale bo se ka jwa go raela
go ka kgala Modimo!
A bogolo jwa serekololo
bo se ka jwa go timetsa!
19 A Modimo o ka ruta motho
go goela thuso kwa ntle ga tlalelo
le kwa ntle ga tsotlhe
tse di rapedisang motho thata?
20 Se tlhologelelwe bosigo
jwa tshekiso,
jo bo tlosang merafe
mo mannong a yona!
21 Itise, o se fapogele boikepong;
gonne o bo rata bogolo
go boitshoko.
22 Bona, Modimo o itshupa
o le mogolo ka thata ya ona.
Ke mang yo e leng moruti
jaaka ona?
23 Ke mang yo o ka o laelang
tsela ya ona;
ke mang yo o ka o rayang a re:
‘O dirile tshiamololo’?
24 Se lebale go godisa tiro ya ona
e batho ba e tumisitseng
ka difela.
25 Batho botlhe ba e bona
ba itumetse;
motho o e leba a le kgakala.
26 Bona, Modimo o mogolo,
mme ga re o itse;
palo ya dinyaga tsa ona
ga e tlhotlhomisiwe.
27 Gonne o atametsa
marothodi a metsi,
o a rothisa e le pula
e e tswang
mo mouwaneng wa ona.
28 Maru a a e rothisa,
a e nesetsa batho ba bantsi.
29 Jaanong e ka nna mang
yo o ka tlhaloganyang
go thiba ga maru
le tumo ya boago jwa ona?
30 Bonang,
o phutholola lesedi la ona
mo tikologong ya ona,
o khurumetsa mateng a lewatle.
31 Ee, o atlhola merafe ka dilo tseo,
e bile o e naya letlotlo la dijo
ka tsona.
32 Ditladi o di tshwere ka diatla,
o di romela go lwa le motlhasedi.
33 Tumo ya ona e a o bega;
ee, le letsomane
le supa ka ga yo o tlang.