JOBE 35

1 Elihu a simolola gape go bua a re:

2 “A ò se kaya se se siameng,

a ò a re ke tshiamo ya gago

fa pele ga Modimo

3 fa ò re:

‘Go nthusa eng,

go ntirela eng, fa ke sa leofe?’

4 Nna ke tla go fetola ka mafoko

le ditsala tsa gago nao.

5 Lelala kwa legodimong o bone;

leba maru

a a kwa godimo ga gago!

6 Fa ò leofa,

ona ò ka o senyetsa eng?

Fa maleo a gago a le mantsi,

ona ò ka o direla bosula bofe?

7 Fa ò siame, ò o naya eng?

Gongwe Modimo o tla amogela

eng mo seatleng sa gago?

8 Boikepo jwa gago

bo senyetsa motho ka wena;

tshiamo ya gago

e thusa mongwe-ka-wena.

9 Batho ba lela ka ntlha ya bontsi

jwa dikgatelelo;

ba goela thuso ka ntlha ya

mabogo a ba ba thata.

10 Mme ga ba botse go re:

‘Modimo, Mmopi wa rona o kae

o o nayang batho

difela tsa tebogo bosigo,

11 o o re rutang bogolo

go diphologolo tsa lefatshe,

o o re tlhalefisang

bogolo go dinonyane tsa loapi?’

12 Se bao, ba goela thuso,

mme ga o ba utlwe

ka ntlha ya boikgantsho jwa bone

ba ba bosula.

13 Ruri, Modimo ga o utlwe

dilelo tsa boithamako;

Mong-wa-thata-yotlhe

ga a di ele tlhoko.

14 Bogolo jang, fa ò re:

‘Ga ò o bone!

Kgang e fa pele ga ona, o lete.’

15 Mme jaanong e re

ka bogale jwa ona bo sa otle,

ka o sa tlhokomele

thata tse di boatla,

16 Jobe o tumolola molomo

go bua tsa boithamako;

o bua tse dintsi a se na kitso.”