1 “Mme wena Jobe,
a ko o utlwe dipuo tsa me;
mafoko a me otlhe
o a sekegele tsebe!
2 A ko o bone, ke butse molomo;
go bua loleme lwa me
mo magalapeng.
3 Mafoko a me
ke a boammaaruri jwa pelo;
molomo wa me
o tla bua kitso e e phepa.
4 Mowa wa Modimo o ntirile;
Mowa wa Mong-wa-thata-yotlhe
o a mphedisa.
5 Fa o ka kgona, o mphetole;
ipaakanye o eme fa pele ga me!
6 Bona, ke tshwana le wena
fa pele ga Modimo:
Le nna ke ngathilwe
mo letsopeng.
7 Bona, a go mpoifa
go se ka ga go tshabisa;
ga nkitla ke go imela
ka kgatelelo ya me.
8 Fela o buile
mo ditsebeng tsa me,
ka utlwa lentswe
le le buang mafoko le re:
9 ‘Ke itshekile, ga ke na boleo;
ke nna yo o phepa,
ga ke na molato.
10 Bonang, Modimo o bonye
mabaka a go lwa le nna;
o nkaya mmaba wa ona.
11 Dinao tsa me
o di bofeletse mo dikoteng;
o tlhokometse
ditsela tsa me tsotlhe.’
12 Bona, ke a go fetola:
Gona fao ga o mo nneteng,
gonne Modimo o mogolo
bogolo go motho.
13 Ke ka ntlha ya eng
fa ò o lwantsha ò re:
‘Ga o arabe lefoko lepe la me.’
14 Gonne Modimo
o bua gangwe le gape,
mme motho ga a ele tlhoko:
15 O bua ka toro, ka pono bosigo,
fa batho ba le borokong,
fa ba robetse mo malaong.
16 Foo o thibolola batho ditsebe,
o ba tlhagisa ka go ba tshosa,
17 gore o tlogedise motho
ditiro tse di bosula,
o latlhise monna boikgodiso;
18 gore o boloke mowa wa gagwe,
a se ka a ya lebitleng,
le bophelo jwa gagwe gore
bo se ka jwa nyelela ka lerumo.
19 Le gona o a tle a otlwe ka
botlhoko mo bolaong jwa gagwe
le ka ntwa e e sa feleng
mo marapong a gagwe.
20 Bophelo jwa gagwe
bo mo tentshe bogobe;
mowa wa gagwe
o tenwe ke dijo tse di monate.
21 Nama ya gagwe
e ote e sa tlhole e bonwa;
go bonale marapo a gagwe
a a neng a bipegile.
22 Mowa wa gagwe
o atamele lebitla,
bophelo jwa gagwe
bo atamele ba ba tlisang loso.
23 Jaanong fa go na le moengele
fa go ene,
motsereganyi a le mongwe
wa ba le sekete,
gore a itsise motho
tshwanelo ya gagwe,
24 foo o tla mo tlhomogela pelo
a re:
‘Mo golole
a se ka a tsena mo lebitleng!
Ke bonye serekololo sa bophelo
jwa gagwe.’
25 Foo nama ya gagwe
e tla ntšhwafala,
e tlala thata e ntšhwa;
o tla boela malatsing
a bošwa jwa gagwe.
26 Fa a rapela Modimo,
ona o tla mo itumelela,
o mo lebisa sefatlhego sa ona
ka tuduetso,
o busetsa motho
tshiamo ya gagwe.
27 Ene o tla opelela batho a re:
‘Ke ne ke leofile,
ka sokamisa tse di siameng,
mme Modimo ga o a nkotla
ka fa go ntebanyeng.
28 O nthekolotse gore
ke se ka ka tsena mo lebitleng;
bophelo jwa me
bo ka itumelela lesedi.’
29 Bonang, Modimo o direla motho
tsotlhe tseo gabedi le gararo,
30 e le go mo thibela go ya lebitleng
gore a sedimosediwe
ka lesedi la bophelo.
31 Ela tlhoko, Jobe, o nkutlwelele!
Didimala, ke tla bua!
32 Fa o na le mafoko, mphetole!
Bua, gonne nka itumela,
fa o le mo nneteng.
33 Fa o se na phetolo, ntheetse!
Didimala,
mme ke tla go ruta botlhale.”