Elihu o simolola go bua
1 Jaanong banna ba bararo bao ba khutla go fetola Jobe; gonne o ne a ikaya yo o siameng.
2 Ke fa go galefa Elihu morwa Baragele wa kwa Busi wa losika lwa ga Rame; a tukela Jobe bogale ka a itshiamisa fa pele ga Modimo.
3 Le gona a galefela ditsala tse tharo tsa gagwe, ka gonne ba palelwa ke go fetola Jobe, mme ba mmona molato fela.
4 Ene Elihu o ne a iketlile bone ba ntse ba bua le Jobe; gonne ba ne ba le bagolo mo go ene, ba mo feta ka dinyaga.
5 Jaanong e rile Elihu a bona, fa go se na karabo mo melomong ya banna ba bararo bao, a tuka bogale.
6 Elihu morwa Baragele wa kwa Busi a fetola a re:
“Nna ke sa le mošwa,
lona lo ba bagolo
lo mpheta ka dinyaga;
ka moo ke ne ke itshwere,
ka boifa go lo bolelela
tse ke di itseng.
7 Ka re: ‘A go bolele banna bagolo
ba ba nang le malatsi!
A ba bontsi jwa dinyaga
ba itsise botlhale!’
8 Fela ke mowa o o mo bathong,
ke Mowa
wa Mong-wa-thata-yotlhe
o o ba tlhalefisang.
9 Ba bagolo ga se bone
ba ba botlhale;
ba ba tsofetseng
ga ba tlhaloganye tse di siameng.
10 Ke ka moo ke reng: Ntheetseng!
Le nna ke bolele se ke se itseng.
11 Bonang,
ke emetse mafoko a lona,
ka utlwelela dipuo
tse di botlhale tsa lona,
go fitlhelela lo bone
mafoko a a siameng;
12 ka nna ka lo ela tlhoko,
ka fitlhela
go se na yo o fenyang Jobe;
go se na ope mo go lona
yo o fetolang mafoko a gagwe.
13 Lo se ka lwa re:
‘Re fitlhetse botlhale mo go ene!
Modimo o tla mo kgona,
e seng motho.’
14 Ga a ka a bolela mafoko
go lwa le nna;
le gona ga nka ke ka mo fetola
jaaka go buile lona.
15 Ba nyemile moko;
ga ba tlhole ba araba.
Ba feletswe ke mafoko.
16 A nka leta,
fa ba sa bue ba eme fela,
ba sa tlhole ba araba?
17 Nnyaya! Le nna ke tla araba
tse ke di abetsweng;
le nna ke tla bolela
tse ke di itseng.
18 Gonne ke tletse mafoko;
mowa o o mo teng ga me
o a ntlhotlheletsa.
19 Bonang, mafatlha a me
a tshwana
le weine e e belang
e e sa thibololwang;
a phanyega jaaka makuka
a mašwa.
20 Ke na le go bua,
gore ke hupologe mowa.
Ke na le go bula molomo
le go araba.
21 Ga nka ke ka goga le ope
le e seng go kgatlha motho
ka loleme.
22 Gonne ga ke itse go kgatlha
motho ka loleme;
Modiri wa me o ne a ka ntlosa
ka bonako.