2 BATHESALONIKA 3

Ditaelo le ditumediso

1 Bakaulengwe, re sa ntse re re: Re rapeleleng gore Lefoko la Morena le ate ka bonako, le be le galalediwe fela jaaka mo go lona;

2 le gore re gololwe mo bathong ba ba sokameng ba ba bosula; gonne go dumela ga se ga botlhe.

3 Mme Morena o boikanyo yo o tla lo tiisang, a ba a lo femela mo go yo-o-bosula.

4 Mme re lo ikanya mo Moreneng gore se re se lo laelang, lo a se dira, le gona lo tla nna lo se dira.

5 A Morena a gogele dipelo tsa lona loratong lwa Modimo le boitshokong jwa ga Keresete.

6 Ba ga etsho, re lo laela ka leina la Morena Jesu Keresete gore lo ikgaoganye le mokaulengwe mongwe le mongwe yo o tsamayang ka bofafalele, e seng ka fa thutong e lo e amogetseng mo go rona.

7 Lo itse ka losi ka fa lo tshwanetseng go re etsa ka teng; gonne ga re a ka ra tsamaya ka bofafalele mo go lona.

8 Le gona, ga re a ka ra batla go ja dijo mo go ope tse re di fiwang fela, mme re ne ra dira bosigo le motshegare ka matsapa le tapisego gore re se imele ope wa lona.

9 Ga se go re, ga re na tshiamelo ya go dira jalo, mme ke go re, re ipee sekao mo go lona gore lo re etse.

10 Kana le jale fa re na le lona, re lo laetse jaana ra re: “Fa mongwe a gana go dira, le gona a se ka a ja.”

11 Gonne re utlwa go twe, bangwe ba tsamaya ka botlhaswa mo go lona, ba sa dire sepe, fa e se tse di se nang mosola fela.

12 Ba ba ntseng jalo re ba laela, e bile re ba laya ka Morena Jesu Keresete gore ba dire ka tidimalo, ba je dijo tse e leng tsa bone.

13 Mme lona, bakaulengwe, se lapeng go dira tse di molemo.

14 Mme fa mongwe a sa utlwe lefoko la rona ka lokwalo loo, lo mmee leitlho, mme lo se ka lwa kopana nae, gore a tle a tlhajwe ke ditlhong;

15 le gale lo se ka lwa mo kaya mmaba, mme lo mo kgalemele jaaka mokaulengwe.

16 A Morena wa kagiso ka esi a lo nee kagiso ka metlha yotlhe le ka mekgwa yotlhe. A Morena a nne le lona lotlhe!

17 Tumediso ya me ke eo, ke le Paulo, ke e kwala ka letsogo la me. Ke yona sesupo sa me mo lokwalong longwe le longwe lo lo tswang go nna; ke kwala jalo.

18 A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le lona lotlhe!