2 BATHESALONIKA 2

Go tla ga Morena go etelelwa pele ke go tla ga Moganetsa-Keresete

1 Ba ga etsho, re lo rapela ka ntlha ya go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete le ka ntlha ya go phuthegela ga rona kwa go ene

2 gore lo se ka lwa akofa lwa faposiwa maikutlo le e seng go tshosiwa ke sepe, le fa e ka nna mowa gongwe lefoko gongwe lokwalo lo go ka tweng lo tswa mo go rona lwa go re letsatsi la Morena le setse le tsile.

3 Lo se ka lwa tsiediwa ke ope ka mokgwa ope; gonne go tshwanetse go tla tenego pele, le motho wa boikepo a itshupe, e bong motho wa tshenyego,

4 ene moganetsi yo o ikgodisetseng sengwe le sengwe se se bidiwang modimo gongwe se se obamelwang, mo o bileng a ya go dula mo Tempeleng ya Modimo, a itshupa a re, ke ene Modimo.

5 A ga lo gakologelwe gore e rile ke sa ntse ke na le lona, ka lo bolelela dilo tseo?

6 Mme jaanong lo itse se se mo diegisang go ya a be a senolwe mo motlheng wa gagwe;

7 gonne bosaitsiweng jwa boikepo bo setse bo dira; fela yo o bo diegisang go fitlha jaanong o tshwanetse go tlosiwa pele fa gare.

8 Mme ke gona foo moikepi o tla senolwang, yo Morena Jesu o tla mmolayang ka pudulo ya molomo wa gagwe, a mo nyeletsa ka ponatshego ya go tla ga gagwe,

9 ene yoo go tla ga gagwe go leng ka fa tirong ya ga Satane ka thata ya mefutafuta le ka ditshupo le dikgakgamatso tsa maaka

10 le ka tsietso yotlhe ya tshiamololo mo go bone ba ba latlhegang, ka ba se ka ba amogela lorato lwa go rata boammaaruri gore ba pholosiwe.

11 Ke ka ntlha ya moo Modimo o ba romelang timetso e e thata gore ba tle ba dumele maaka,

12 gore botlhe ba ba se kang ba dumela boammaaruri, mme ba kgatlhilwe ke tshiamololo, ba atlholwe.

13 Mme rona re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Morena, ka gonne Modimo o sa le o lo itlhaolela go tswa tshimologong gore lo pholosiwe ka go itshepisiwa ke Mowa le ka go dumela boammaaruri.

14 Ke se o lo bileditseng sona ka Efangele ya rona gore lo rue kgalalelo ya Morena wa rona Jesu Keresete.

15 Ka moo he, ba ga etsho, emang ka tlhomamo, lo dirise dithuto tse lo di rutilweng, e ka nna ka molomo gongwe ka lokwalo lo lo tswang go rona.

16 Mme Morena wa rona Jesu Keresete ka esi le Modimo Rraetsho yo o re ratileng, a ba a re naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo ka bopelotlhomogi,

17 a a gomotse dipelo tsa lona, a lo tiise mo tirong nngwe le nngwe e e siameng le lefokong lengwe le lengwe le le siameng.