JOBE 13

1 “Ruri, tsotlhe tseo

matlho a me a di bonye,

ditsebe tsa me tsa di utlwa,

tsa di tlhaloganya.

2 Le nna ke di itse jaaka lona,

mme ga lo mphale.

3 Mme nna ke rata go bua

le Mong-wa-thata-yotlhe;

ke eletsa go sekisanya

le Modimo.

4 Lona lo babipi ba maaka,

lotlhe lo dingaka

tse e seng tsona.

5 Ao! Fa lo ka bo lo didimala,

lo ka bo lo kaiwa batlhalefi.

6 Utlwang tlhe boikarabelo

jwa me,

lo tlhokomele go itwela

ga molomo wa me.

7 A lo a re, lo direla Modimo

ka go bua tse di sokameng?

A lo o emela

ka go bua tsa tsietso?

8 Gongwe a lo goga le ona?

Kampo a lo a re,

lo lwela Modimo?

9 A lo tla tswa sentle,

fa o lo sekisa?

A lo a re, lo ka o tsietsa

jaaka go tsiediwa motho?

10 Nnyaya! O tla lo otla ruri,

fa lo gobelelela mongwe

mo sephiring.

11 Bogolo jwa ona a ga bo kitla

bo lo wela?

Poitshego ya ona a ga e kitla

e lo tshosa?

12 Tse lo di nkgakololang ke diane

tsa molora;

mabaka a lona ke mabaka

a letsopa fela.

13 Didimalang, lo nte ke bue,

le fa ke dirafalelwa ke eng!

14 Ke leka go ipoloka

ka go itsenya mo kotsing.

15 Bonang, o ka mpolaya,

ga ke na tsholofelo;

fela ditsela tsa me

ke tla di ikarabela fa pele ga ona.

16 Le gona moo

e tla nna pholoso ya me;

gonne molotsana ga a tle

fa pele ga ona.

17 Utlwang mafoko a me sentle,

a tlhaloso ya me

e lo tsene ditsebeng!

18 Bonang tlhe,

ke rulagantse mafoko a tsheko;

ke a itse,

fa ke tla tswa ke se na molato.

19 Ke mang

yo o ka mponang molato?

Gonne fa a ka nna teng,

ke tla didimala, ke swa.

20 Fela dilo di le pedi se di ntirele;

foo ga nkitla ke iphitlha

fa pele ga gago:

21 Ka re: A seatla sa gago

se se ka sa nkimela!

A theregiso ya gago

e se ka ya ntshosa!

22 Ke gona o ka ntshekisang,

ke tla araba;

gongwe ke tla bua,

mme o mphetole!

23 Ke na le ditshiamololo

le dibe di le kae?

Nkitsise tlolo ya me

le boleo jwa me!

24 O fitlhelang sefatlhego sa gago?

O nkaya mmaba wa gago

ka lebaka la eng?

25 A o a re, o tshosa letlhare

le le fokwang ke phefo?

A o latelela dirite

tse di omeletseng?

26 Mo o mpolaisang tse di galakang,

o nthwesa dibe

tsa bokau jwa me;

27 mo dinao tsa me

o di bofelelang mo koteng,

o tlhola tsela tsotlhe tsa me;

mo o nthalelang mothalo

mo tikologong ya pato

tsa dinao tsa me

28 ke le yo o nyelelang

jaaka tse di bodileng

le jaaka seaparo

se se jewang ke motoutwana.