JOBE 11

Go bua Sofare

1 Ga fetola Sofare wa Naama a re:

2 “A bontsi jwa mafoko

bo na le go tlhoka karabo?

Gongwe a mmalabadi

o mo nneteng?

3 A maithamako a gago

a ka didimatsa banna?

A o ka sotla go se yo o go

tlhabisang ditlhong?

4 Kana o rile:

‘Thuto ya me ke e e phepa.

Ke itshekile mo matlhong

a gago!’

5 E kete Modimo o ka bo o bua,

wa bo o bula molomo,

o go bolelela;

6 o ka bo o go itsise diphiri

tsa botlhale,

fa bo gaisa kitso gabedi.

Foo o ka bo o itse gore

Modimo o itebatsa molato

mongwe wa gago.

7 A o ka itse tse Modimo

o di itseng?

A o ka bona kitso e e tletseng

ya Mong-wa-thata-yotlhe?

8 E kwa godimo mo legodimong,

ò ka kgona eng?

E kwa tlase mo felong ga baswi,

wena o itseng?

9 Seelo sa yona se seleele

bogolo go lefatshe,

se atlhame bogolo go lewatle.

10 Fa ona o tlhaga o go tshwara,

o go biletsa kwa tshekong,

yo o ka o thibelang ke mang?

11 Gonne balotsana ona o a ba itse;

bokgopo o a bo bona,

le fa e kete ga o bo tlhokomele.

12 A le seeleele se ka tlhalefa?

A eselana ya nageng

e ka fetoga motho?

13 Fa wena o baakanya

pelo ya gago,

fa o o tsholeletsa diatla,

14 fa diatla tsa gago

di na le bokgopo, bo tlose!

A tshiamololo e se nne

mo lapeng la ga eno!

15 Ee, foo sefatlhego sa gago

o tla se tsholetsa o se na molato;

o tla bo o tlhomame

o sa boife sepe.

16 Ee, foo o tla lebala tapisego;

fa o e gopola e tla tshwana

le metsi a a fetileng.

17 O tla selwa ke bophelo

go phala lesedi la motshegare.

Fa go fifala,

go tla tshwana fela le fa bo sa.

18 O tla gomotsega,

gonne o na le tse o di solofelang;

le fa o ka gadima,

gongwe wa okomela,

o tla robala

o le mo tshireletsong.

19 O tla lala go se yo o go tshosang.

Ba bantsi ba tla eletsa

go go kgatlha.

20 Mme matlho a baikepi

a tla swaba.

Botshabelo bo ba senyegetse.

Se se ba saletseng

ke go ntsha mowa wa bofelo.”