Jobe o a araba
1 Jobe a fetola a re:
2 “Ke nnete.
Ke a itse gore go ntse jalo.
Motho o ka nna jang mosiami
fa pele ga Modimo?
3 Fa a rata go ganetsanya naô,
a ka palelwa le ke go o araba
potso e le nngwe fela
mo go di le sekete.
4 Modimo o pelo-e-botlhale,
o thata nonofong.
Ke mang yo o kileng a o ganetsa,
a se ka a bona petso?
5 Dithaba o a di sutisa,
go sa lemogiwe;
o di ribegetsa ka bogale jwa ona.
6 Lefatshe o a le roromisa,
le tswe mo felong ga lone;
maotwana a lone a be a reketle.
7 Letsatsi o a le laela,
mme le se ke le tlhabe;
dinaledi o a di bipa,
di se ke di bonale.
8 Legodimo o le tsharolola
o le osi,
o gate mo godimo ga dintelo
tsa lewatle.
9 O dirile dinaledi
tsa ‘Bere e kgolo’
le tsa ‘Dikolobe’ le tsa ‘Selemela’
le tsa ‘Sefapaano’
kwa ntlheng ya borwa.
10 O dira tse dikgolo
tse di se nang botlhotlhomiso
le dikgakgamatso
tse di se nang palo.
11 Bonang! O a mpheta,
ke sa o bone;
o a tlhaga, ke sa o lemoge.
12 Bonang, fa o amoga,
o ka thibelwa ke mang?
Ke mang yo o ka o botsang
a re:
‘O dira eng?’
13 Modimo ga o buse
bogale jwa ona;
bathusi ba kgogela tlholegong
ba ne ba o ikokobeletsa.
14 Jaanong nna ke mang
yo nka o fetolang?
Nka tlhopha jang
mafoko a a o tshwanetseng?
15 Le fa nka bo ke le yo o siameng,
ga ke na go o araba.
Ke na le go kopa bopelotlhomogi
mo go Moatlhodi wa me.
16 Fa ke o bitsa, o sa nkarabe,
ga ke dumele gore o tla reetsa
lentswe la me.
17 Kana o ka mpšhwetla ka ledimo,
wa ntsifatsa dintho tsa me
ka bomo.
18 Ga o ke o mpha nako
ya go ka busa mowa,
mme o nkgorisa matlhoko
a a galakang.
19 Fa go lebilwe thata
ya yo o tiileng,
ona o na nayo.
Fa go lebilwe tshiamo,
ke mang
yo o ka biletsang ona tshekong?
20 Le fa nka bo ke le yo o siameng,
molomo wa me
o ka bo o nkatlhola
ke le moikepi;
le fa ke se na molato,
ona o ka mpona molato.
21 Ga ke na molato!
Mme ga ke tlhole ke ikitse.
Bophelo jwa me ke a bo nyatsa.
22 Go tshwana fela!
Ke ka moo ke reng:
Ona o fedisa mosiami
jaaka moikepi.
23 Fa kotlo ya Modimo
e bolaya ka tshoganyetso,
o tshege tsholofologo
ya ba ba se nang molato.
24 Lefatshe o le neetse mo diatleng
tsa moikepi;
o bipa difatlhego
tsa baatlhodi ba lone.
Fa e se ona, go dira mang?
25 Malatsi a me a fetile ka lobelo
lwa go sia motabogi;
a tshabile a ise a bone
tse di molemo.
26 A ile ka bobebe
jwa mekoro ya lotlhaka
jaaka fa lenong
le fologela kwa dijong.
27 Fa nka re:
‘A nke ke lebale selelo sa me,
ke fetoge sefatlhego
se se tlhontseng,
e nne se se thabileng;’
28 ke gona ke tshogang
matlhoko a me otlhe.
Ke a itse gore ga o nke o nkaya
yo o se nang molato.
29 Ke tshwanetse
ka bo ke le molato.
Ke itapisa felafela
ka lebaka la eng?
30 Le fa ke le yo o tlhapang
ka semathana;
le fa ke tlhapa diatla ka molora:
31 Wena o tla ntatlhela seretseng
gore ke tene diaparo tsa me.
32 Gonne ona ga se motho ka nna
yo nka mo fetolang,
yo nka yang nae kwa tshekong.
33 Ga go motsereganyi
fa gare ga rona
yo o ka bayang seatla sa gagwe
mo go ona le mo go nna.
34 A o tlose thupa ya ona
mo go nna!
Theregiso ya ona
a e se ka ya ntshosa!
35 Foo nka bo ke bua, ke sa o boife;
kana maikutlo a me
a tletse poifo.