1 Jaanong, bakaulengwe, ga go batlege gore lo kwalelwe ka ga dipaka le dinako;
2 gonne lona ka losi lo itse sentle gore letsatsi la Morena le tla tla fela jaaka legodu bosigo.
3 Gonne e tla re go twe: “Go kagiso le polokego!” ke gona tshenyego e tla ba welang ka tshoganyetso, jaaka ditlhabi di wela mosadi yo moimana, mme ga ba kitla ba falola.
4 Mme lona, bakaulengwe, ga lo mo lefifing, mo letsatsi leo le ka lo welang jaaka legodu.
5 Nnyaya, lona lotlhe lo bana ba lesedi le bana ba letsatsi; ga re ba bosigo le e seng ba lefifi.
6 Ka moo he a re se robaleng jaaka ba bangwe, mme a re nneng re thantse, re nne tekano;
7 gonne ba ba robetseng ba robetse bosigo, le ba ba tagilweng ba tagilwe bosigo.
8 Mme rona ba re leng ba letsatsi, a re nneng tekano, re apere sefemela-sehuba sa tumelo le sa lorato, le tsholofelo ya phologo go nna kuane ya phemelo.
9 Gonne Modimo ga o a re beela bogale, mme o re beetse go bona phologo ka Morena wa rona Jesu Keresete
10 yo o re swetseng gore le fa re tsogile gongwe re robetse, re phele mmogo nae.
11 Ka moo gomotsanyang lo agane jaaka lo ntse lo dira.
Ditaelo le dikeleletso
12 Mme, bakaulengwe, re lo rapela gore lo tlotle bone ba ba itapisang ka lona, ba ba lo okameng mo Moreneng, ba ba lo layang,
13 lo ba kaye segolo bogolo ka lorato ka ntlha ya tiro ya bone. Agisanyang nabo.
14 Bakaulengwe, re lo kaela re re: Kgalemelang ba ba bofafalele, nametsang ba ba nyemang moko, tlhokomelang ba ba bokoa, lo nne pelotelele le botlhe.
15 Tlhokomelang gore go se nne ope yo o busetsang yo mongwe bosula ka bosula, mme tlhoafalang ka gale go direlana molemo le go o direla botlhe.
16 Itumeleng ka gale.
17 Se khutleng go rapela.
18 Lebogang mo dilong tsotlhe; gonne moo ke thato ya Modimo mo go Keresete Jesu ka ga lona.
19 Se timeng Mowa.
20 Se nyatseng dithuto tsa Lefoko la Modimo.
21 Tlhotlhomisang tsotlhe, lo boloke tse di siameng.
22 Fapogang mofuta mongwe le mongwe wa bosula.
23 Mme a Modimo wa kagiso ka osi o lo itshepise gotlhe; a mewa ya lona le maphelo a lona le mebele ya lona di bolokwe, e nne tse di itekanetseng, di se na molato mo go tleng ga Morena wa rona Jesu Keresete.
24 Ona o o lo bitsang o a ikanyega, o bile o tla dirafatsa.
25 Bakaulengwe, re rapeleleng.
26 Dumedisang bakaulengwe botlhe ka katlo e e boitshepo.
27 Ke lo tiisetsa ka Morena gore lokwalo loo lo buisediwe bakaulengwe botlhe ba ba boitshepo.
28 A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le lona!