NEHEMIA 9

Letsatsi la go ikwatlhaya le go rapela

1 Ka kgwedi eo e le 24 Baiseraele ba phuthega, ba itima dijo ba apere dikgetse tsa boikwatlhao ba itshetse mmu mo ditlhogong.

2 Mme ba e leng Baiseraele tota ba itomologanya le botlhe ba ditšhaba di sele, ba ema ba ipobola maleo a bone le ditshiamololo tsa borraabo.

3 Ba nanoga fa ba ntseng teng, ba buisa lokwalo lwa molao waMorena, Modimo wa bone, karolo ya bone ya letsatsi; mme karolo ya bone e nngwe ba ipobola dibe, ba obamelaMorena, Modimo wa bone.

4 Mme mo sefateng sa Balefi ga nanoga Jesua le Bani le Katemiele le Sebanya le Buni le Serebja le Bani le Kenani, ba goelaMoreneng, Modimo wa bone, ka mantswe a a tlhatlositsweng.

5 Balefi Jesua le Katemiele le Bani le Hasabenya le Serebja le Hodiya le Sebanya le Phethaya ba be ba re:

“Nanogang lo bakeMorena,

Modimo wa lona,

o o se nang tshimologo,

o o sa khutleng!

A ba bake leina

le le galalelang la gago

le le tlotlometseng godimo ga

pako yotlhe le tumiso yotlhe.”

6 Esera a rapela a re:

“Ke wenaMorenao le wesi;

ke wena o dirileng legodimo,

legodimo la magodimo

le lesomo lotlhe la lone

le lefatshe

le tsotlhe tse di mo go lone

le mawatle

le tsotlhe tse di mo go ona;

ke wena o di phedisang

tsotlhe,

mme lesomo la legodimo

le a go obamela.

7 WenaMorena, o Modimo o o

kileng wa tlhopha Aborame,

wa mo hudusa kwa Ure

wa Bakalatea,

wa mo taya leina

la Aborahame;

8 wa fitlhela pelo ya gagwe

e ikanyega fa pele ga gago,

wa dira kgolagano nae

go mo naya lefatshe

la Bakanana le Bahethe

le Baamori le Baferesi

le Bajebusi le Bagiregasi

go le naya ba losika la gagwe.

Mme o dirafaditse

mafoko a gago;

gonne o mosiami.

9 “O ne wa bona pogisego

ya borraetsho kwa Egepeto,

wa utlwa selelo sa bone

fa Lewatleng la Motlhaka.

10 Wa dira ditshupo

le dikgakgamatso mo go Farao

le mo batlhankeng botlhe

ba gagwe

le mo morafeng otlhe

wa lefatshe la gagwe;

gonne o ne o itse

fa ba ba bogisa

ka boikgogomoso;

wa itirela leina le le tumileng

jaaka le ntse kajeno.

11 Le lewatle wa le fatola

fa pele ga bone,

mme ba tshela fa gare

ga lewatle fa go omileng;

bakhutšhedi ba bone

wa ba digela mo botennye

jwa lewatle

jaaka lentswe mo metsing

a magolo.

12 Wa ba goga ka pinagare

ya leru motshegare

le ka pinagare ya molelo

bosigo,

go ba sedimosetsa tsela

e ba tsamayang ka yona.

13 Wa fologela mo thabeng

ya Sinai,

wa bua nabo

o le kwa legodimong,

wa ba naya ditshiamelo

tse di tlhamaletseng

le melao ya boammaaruri

le ditao le ditaolo

tse di molemo.

14 Wa ba itsise Sabata

yo o boitshepo wa gago,

wa ba beela ditaolo le mekgwa

le molao ka Moše,

motlhanka wa gago.

15 “Wa ba naya dijo

tse di tswang kwa legodimong

go ba tlosa tlala,

wa ba ntshetsa metsi

mo lefikeng go ba tima lenyora,

wa ba laela gore ba tsene

ba rue lefatshe le o neng

wa ikana go le ba naya.

16 Mme bone borraetsho

ba ikgogomosa,

ba gagamatsa dithamo,

ba se ka ba utlwa ditaolo tsa gago;

17 ba gana go utlwa,

ba se ka ba gopola

dikgakgamatso

tsa gago tse o di ba diretseng,

mme ba gagamatsa dithamo,

ba ipatlela moeteledipele

go boela kwa Egepeto

kwa botlhankeng jwa bone

ka borukhutlhi jwa bone,

mme wena o Modimo

wa maitshwarelo,

o bopelotlhomogi

o boutlwelo-botlhoko,

o pelotelele,

o mogolo loratong,

wa se ka wa ba tlogela,

18 le fa ba itirela namane

e e bopilweng ba re:

‘Ke yona modimo wa gago,

Iseraele,

o o go ntshitseng

kwa Egepeto!’

ba be ba dira tsa dikgalo tse dikgolo.

19 Mme wena,

ka o le mautlwelo-botlhoko

a magolo,

wa se ka wa ba tlogela

kwa sekakeng;

pinagare ya leru ya go ba goga

mo tseleng e sa tloge

mo go bone motshegare

le e seng ya molelo bosigo

ya go ba sedimosetsa tsela

e ba tsamayang mo go yona.

20 Wa ba naya Mowa o o

molemo wa gago go ba ruta,

wa se ka wa tima melomo

ya bone Mmana wa gago,

wa ba naya metsi go tima

lenyora la bone.

21 Wa ba babalela kwa sekakeng

dinyaga di le 40,

mme ba se ka ba tlhoka sepe;

diaparo tsa bone tsa se ka

tsa onala,

le dinao tsa bone

tsa se ka tsa ruruga.

22 “Wa ba naya dipuso

le merafe,

wa di ba abela ka tatelano;

ba rua lefatshe la ga Sihone

kgosi ya Hešebone

le lefatshe la ga Oge

kgosi ya Basane.

23 Wa ba atisetsa bana

jaaka dinaledi tsa legodimo,

wa ba fitlhisa kwa lefatsheng

le o neng o le solofeditse

borraabo wa re,

ba tla tsena ba le rua.

24 Mme bana ba tsena,

ba thopa lefatshe,

mme wa dira gore

baagi ba lefatshe,

e bong Bakanana

ba fenngwe ke bone,

wa ba neela

mo diatleng tsa bone

le dikgosi tsa bone

le merafe ya lefatshe

gore ba dire ka bone

ka fa ba ratang ka teng.

25 Ba thopa metse

e e femetsweng

le mmu o o bogale,

ba tsaya matlo a a tletseng

dilo tse di tlhokegang

tsa mefutafuta

le didiba tse di gabilweng

le masimo a moweine

le ditlhare tsa olefa

le ditlhare tse di jewang

ka bontsi;

ba ja ba kgora ba nona,

ba phela monate

ka molemo o mogolo wa gago.

26 “Mme ba go ganetsa,

ba go tlogela,

ba latlha molao wa gago,

ba o hularela,

ba bolaya baporofeti ba gago

ba ba neng ba ba tlhagisa

go ba tlhabololela

kwa go wena;

ba dira tsa dikgalo tse dikgolo.

27 Ke ka moo o neng

wa ba neela

mo diatleng tsa baba ba bone,

mme ba ba pitlaganya;

mme e ne ya re ka sebaka

sa tlalelo ya bone,

fa ba lelela kwa go wena,

o ba utlwe

o le kwa legodimong,

mme ka fa boutlwelong-botlhoko

jo bogolo jwa gago

o ba neele bagolodi;

ba ba golole mo

diatleng tsa baba ba bone.

28 Mme e ne ya re ba ikhutsa,

ba boele go dira tse di bosula

gape fa pele ga gago,

mme o ba tlogele ba le mo

diatleng tsa baba ba bone,

mme ba ba gatelele;

jaanong ba ne ba tle ba lelele

kwa go wena gape,

mme o ba utlwe

o le kwa legodimong,

o ba namolele gangwe le gape

ka fa boutlwelong-botlhoko

jwa gago.

29 O ne o ba kgothatsa go ba

busetsa kwa molaong wa gago,

mme ba ikgogomosa

ba se ka ba utlwa

ditaolo tsa gago,

mme ba leofela ditshiamelo

tsa gago tse motho

a ka phelang ka tsona,

fa a di dira;

ba go hularela ka borukhutlhi,

ba gagamatsa dithamo,

ba se ka ba utlwa.

30 Mme o ne o sa ba felele pelo

dinyaga di le dintsi,

wa nna wa ba tlhagisa

ka Mowa wa gago

ka baporofeti ba gago,

mme ba se ke ba sekega tsebe.

Ke ka moo o neng

wa ba neela mo diatleng

tsa merafe ya mafatshe.

31 Mme e re ka o le

mautlwelo-botlhoko a magolo,

wa se ka wa ba feleletsa ruri

le e seng go ba tlogela;

gonne o Modimo

o o bopelotlhomogi

le boutlwelo-botlhoko.

32 “Mme jaanong

Modimo wa rona,

wena Modimo o mogolo,

Mong wa thata,

yo o boitshegang,

yo o bolokang kgolagano

le bopelotlhomogi,

a pogisego yotlhe e se nne

potlana fa pele ga gago,

e e re dirafaletseng

le dikgosi tsa rona

le dikgosana tsa rona

le baperesiti ba rona

le baporofeti ba rona

le borraetsho

le morafe otlhe wa gago

go tloga malatsing

a dikgosi tsa Asiria

go fitlha letsatsing la kajeno.

33 Mme wena o siame

mo go tsotlhe

tse di re wetseng;

gonne o dirile

tsa boammaaruri,

mme rona re dirile tsa boikepo.

34 Le dikgosi tsa rona

le dikgosana tsa rona

le baperesiti ba rona

le borraetsho

ga ba ka ba dirafatsa molao

wa gago

le e seng go tlhokomela ditaolo

tsa gago

le dikgothatso tsa gago

tse o ba kgothaditseng

ka tsona.

35 Le fa ba ne ba le mo bogosing

jwa bone,

le fa tshegofatso ya gago

e le kgolo e o e ba neileng,

le fa lefatshe le ne le atlhame,

le nonne le o ba neileng,

ga ba a ka ba go direla

le e seng go tlhabologa

le go tlogela ditiro tsa bone

tse di bosula.

36 Ke ka moo

re leng batlhanka kajeno,

e bile e le mo lefatsheng

le o le neileng borraetsho

gore ba je maungo a lone

le tse di molemo tsa lone,

bona, re batlhanka mo go lone.

37 Thobo ya lone e humisa dikgosi

tse o di dirileng

baokamedi ba rona

ka ntlha ya maleo a rona;

di busa mebele ya rona

le diruiwa tsa rona

ka fa di ratang ka teng.

Re mo tlalelong e kgolo.”

Morafe o ipofa go tshegetsa molao wa Modimo

38 Jaanong ka ntlha ya tsotlhe tseo re dira kgolagano e e tlhomameng, re kwala mafoko a yona, mme lokwalo lwa mafoko a a kannweng lwa kwalwa maipofo ke dikgosana tsa rona le Balefi ba rona le baperesiti ba rona.