Tirelo-Modimo e simololwa gape
1 E rile kgwedi ya bosupa e sena go atamela, Baiseraele ba ntse ba le mo metseng ya bone, morafe otlhe wa phuthegela kwa Jerusalema ka seopo sengwe.
2 Ga nanoga Jesua, morwa Josatake, le ba ga gabo, baperesiti, le Serubabele morwa Salathiele le ba ga gabo, ba aga aletare ya Modimo wa Iseraele go dira ditlhabelo tsa phiso mo go yona jaaka go kwadilwe mo molaong wa ga Moše, monna wa Modimo.
3 Ba tsosa aletare mo felong ga yona; gonne ba ne ba tshogile merafe ya mafatshe; ba direlaMorenaditlhabelo tsa phiso mo go yona, ditlhabelo tsa phiso tsa meso le tsa maitsiboa.
4 Ba dira Moletlo wa Metlaagana jaaka go laetswe le ditlhabelo tsa phiso tsa letsatsi lengwe le lengwe ka palo e e tshwanetseng jaaka go batlega letsatsi lengwe le lengwe.
5 Go tloga foo ba tlisa setlhabelo sa phiso sa ka gale le sa dingwedi tse di rogilweng le sa Meletlo yotlhe yaMorenae e itshepisitsweng le sa mongwe le mongwe yo o neelangMorenaneo ka bogagagwe.
6 Ba simolola ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya bosupa go direlaMorenaditlhabelo tsa phiso, le fa motheo wa Tempele yaMorenao ne o ise o theiwe.
Bajuta ba simolola go aga Tempele sešwa
7 Mme ba neela babetli ba majwe le ba dikgong madi, ba neela ba Sitone le Tiro dijo le dino le lookwane gore ba tsee dikota tsa mesetere kwa Lebanone, ba di ise kwa lewatleng le kwa Jafo ka fa ba laetsweng ka teng ke Korese kgosi ya Peresia.
8 Mme ka kgwedi ya bobedi ya ngwaga wa bobedi ba sena go boela kwa Ntlong ya Modimo kwa Jerusalema ga simolola Serubabele morwa Salathiele le Jesua morwa Josatake le ba ga bone ba bangwe le baperesiti le Balefi ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone gore ba okamele tiro kwa Ntlong yaMorena.
9 Ga ema Jesua le bomorwawe le ba ga gabo Katemiele le Binwi le Hotabja jaaka monna a le mongwe go okamela badiri ba tiro kwa Ntlong ya Modimo, ba na le bomorwa Henatate le bomorwaa-bone le ba ga bone ba Balefi.
10 Ya re baagi ba thaya motheo wa Tempele yaMorena, baperesiti ba bo ba eme, ba apere tsa boperesiti ba tshotse diphala, le Balefi boora Asafe ba tshotse matlhao-a-mabogo go bakaMorenaka fa taelong ya ga Dafita kgosi ya Iseraele.
11 Ba tlhaba sefela sa go baka ba re:
“LebogangMorena,
gonne o molemo,
mme bopelotlhomogi jwa gagwe
bo okame Baiseraele ka bosakhutleng.”
Mme morafe otlhe wa duduetsa ka tuduetso e kgolo ka go bakaMorena, ka motheo wa Ntlo yaMorenao ne o theilwe.
12 Mme ba bantsi ba baperesiti le Balefi le ba ditlhogo tsa dikgoro, ba e leng batsofe ba ba neng ba bonye Ntlo ya Modimo ya pele, ya re go theiwa motheo wa Ntlo e mo matlhong a bone, ba lela ka selelo se segolo, mme ba bantsi ba bangwe ba le tuduetsong ka go tsholetsa mantswe ka boitumelo.
13 Go ne go pala go ka farologanya mantswe a tuduetso ya boitumelo le mantswe a selelo sa morafe; gonne morafe o ne o duduetsa ka tuduetso e kgolo, mme modumo wa utlwala kgakala.