Jothame kgosi ya Juta
1 Jothame o ne a le dinyaga di le 25, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le 16 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le JeruĊĦa morwadia Satoke.
2 A dira tse di siameng mo matlhong aMorenafela jaaka go dirile Usia rraagwe, fela a se ka a tsena mo Tempeleng yaMorenaka makgakga, mme morafe wa nna wa senya.
3 A aga kgoro ya Ntlo yaMorenae e bidiwang e e kwa godimo; le mo loboteng lwa mhapha wa thabana ya Jerusalema a aga gagolo.
4 A agelela metse mo dithabeng tsa Juta, a ba a aga matshabelo a a femetsweng le dinaka tsa phemelo mo sekgweng.
5 Le gona a tlhabana le kgosi ya Baamone, a ba fenya, mme ka ngwaga oo Baamone ba mo ntshetsa ditalente di le 100 tsa selefera le dikgetse di le 10 000 tsa korong le di le 10 000 tsa garase; le ka ngwaga wa bobedi le wa boraro Baamone ba mo ntshetsa tse di kalo.
6 Jothame a thatafala jalo; gonne o ne a siamisa mosepele wa gagwe fa pele gaMorena, Modimo wa gagwe.
7 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Jothame le dintwa tsotlhe tsa gagwe le ditiro tsa gagwe kana di kwadilwe mo lokwalong lwa dikgosi tsa Iseraele le Juta.
8 E rile a simolola go busa a bo a le dinyaga di le 25; a busa dinyaga di le 16 kwa Jerusalema.
9 Jothame a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita, mme Ahase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.