2 DITIRAFALO 24

Kgosi Joase wa Juta

1 E rile Joase a simolola go busa, a bo a le dinyaga di supa; a busa dinyaga di le 40 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Sibja wa Bereseba.

2 Joase a dira tse di siameng mo matlhong aMorenaka malatsi otlhe a ga Joyata moperesiti.

3 Joyata a mmatlela basadi ba le babedi, mme a tsala bomorwa le bomorwadi.

4 Morago ga moo Joase a ikaelela go ntšhwafatsa Ntlo yaMorena.

5 A kgobokanya baperesiti le Balefi a ba laela a re: “Tswelang kwa metseng ya Juta, lo phuthe madi mo Baiseraeleng botlhe a go baakanya Ntlo ya Modimo wa lona ka ngwaga le ngwaga, lo itlhaganele go dira jalo.” Mme Balefi bone ba se ka ba itlhaganela.

6 Ke fa kgosi e bitsa Joyata moperesiti yo mogolo e mmotsa e re: “Ke go reng, fa o sa ela tlhoko gore Balefi ba ntshise ba Juta le Jerusalema lekgetho le le beilweng ke Moše motlhanka waMorenale ntshediwa Tente ya Tshupo ke phuthego ya Baiseraele.”

7 A re jalo ka gonne bomorwa Athalea wa moikepi ba ne ba tlhokomologile ditshenyego tsa Ntlo ya Modimo, ba bile ba neetse boBaale dineo tsotlhe tse di boitshepo tsa Ntlo yaMorena.

8 Mme ka taelo ya kgosi ba dira letlole, ba le baya ka kwa ntle fa kgorong ya Ntlo yaMorena.

9 Ba be ba tlhaba mokgosi mo Juta le Jerusalema o o reng: “A go ntshediweMorenalekgetho le Moše motlhanka wa Modimo o kileng a le beela Baiseraele kwa sekakeng.”

10 Ke fa dikgosana tsotlhe le batho botlhe ba le tlisa ka boitumelo, ba le latlhela mo letloleng ga tsamaya ba fetsa.

11 E ne ya re fa letlole le isiwa go baokamedi ba kgosi ke Balefi, mme ba fitlhela madi a le mantsi, go tle mokwaledi wa kgosi le mookamedi wa moperesiti yo mogolo, ba tsholole letlole, ba be ba le tsee, ba le busetse kwa mannong a lone. Ba ne ba dira jalo ka letsatsi le letsatsi, ba phutha madi a mantsi.

12 Jaanong kgosi le Joyata ba a neela baokamedi ba tiro kwa Ntlong yaMorena; bone ba rapa babetli ba majwe le ba dikota gore ba ntšhwafatse Ntlo yaMorenale bathudi ba tshipi le ba kgotlho gore ba baakanye Ntlo yaMorena.

13 Baokamedi ba ne ba dira, mme tiro ya paakanyo ya tswelela pele ka diatla tsa bone; ba tsosa Ntlo ya Modimo jaaka e ne e ntse pele, ba e tiisa sentle.

Maikemisetso a ga Joyata a a fetolwa

14 Ya re ba sena go fetsa, ba isa madi a a setseng kwa kgosing le go Joyata, ga dirwa didiri tsa Ntlo yaMorenaka ona, didiri tsa tirelo le tsa go dira ditlhabelo le megopo le dilo tsa gouta le selefera. Ba tswelela go dira ditlhabelo tsa phiso fa Ntlong yaMorenaka gale ka malatsi otlhe a ga Joyata.

15 Jaanong Joyata a tsofala a jele lefatshe, a swa; ya re a swa, a bo a le dinyaga di le 130.

16 Ba mo fitlha mo motseng wa ga Dafita fa dikgosing; gonne tse o di diretseng Iseraele le Modimo le Ntlo ya ona e ne e le tse di molemo.

17 Mme ya re Joyata a sena go swa, dikgosana tsa Juta tsa tla tsa ikobela kgosi. Ke fa kgosi e utlwana nabo,

18 mme ba tlogela Ntlo yaMorena, Modimo wa borraabo, ba direla medimako ya Ašera le medimo ya diseto. Ka ntlha ya molato oo bogale jwaMorenajwa wela Juta le Jerusalema.

19 Ke faMorenaa roma baporofeti kwa go bone go ba busetsa kwaMorenengle go ba tlhagisa, fela ba gana go utlwa.

20 Mme Mowa wa Modimo wa tsena mo go Sagaria morwa Joyata moperesiti, mme a ema fa pele ga morafe, a ba raya a re: “Modimo o bua jaana wa re: ‘Ke ka ntlha ya eng fa lo tlola ditaolo tsaMorena, mo jaanong lo tlhokang lesego; e re ka lo tlogetseMorena, le ene o lo tlogetse.’ ”

21 Ke fa ba mo tsosetsa moferefere, ba mo kgobotletsa ka majwe ka taelo ya kgosi mo lapeng la Ntlo yaMorena.

22 Kgosi Joase a se ka a ngoka bopelotlhomogi jo Joyata rraagwe a bo mo diretseng, mme a bolaya morwawe; jaanong ya re a swa, a bua a re: “Morenaa se bone, a se beletse!”

Bokhutlo jwa puso ya ga Joase

23 Ga nna jalo, ya re ngwaga o sena go feta batlhabani ba Siria ba mmololela, ba tla kwa Juta le Jerusalema, ba bolaya dikgosana tsotlhe tsa morafe mo morafeng, ba romela thopo yotlhe ya bone kwa kgosing ya Damaseko.

24 Le fa batlhabani ba Siria ba ne ba tlile e le banna ba se kae fela,Morenaa neela bontsi jo bogolo jwa batlhabani ba Juta mo diatleng tsa bone, ka ba ne ba tlogetseMorena, Modimo wa borraabo. Ga dirafalediwa Joase petso jalo.

25 Mme ya re ba tloga mo go ene, a bo a le mo malwetseng a magolo, mme batlhanka ba gagwe ba mo tsosetsa moferefere ka ntlha ya madi a ga morwa Joyata moperesiti, ba mmolaya a le mo bolaong jwa gagwe, mme a swa; ba be ba mo fitlha mo motseng wa ga Dafita, mme e seng mo mabitleng a dikgosi.

26 Ba ba neng ba mo tsosetsa moferefere ke Sabate morwa Simeathe mosadi wa Moamone le Josabate morwa Simerithe mosadi wa Momoabe.

27 Fa e le bomorwawe le bontsi jwa mafoko a baporofeti a go mo kgalemela le ntšhwafatso ya Ntlo ya Modimo kana di kwadilwe mo tlhalosong ya lokwalo lwa dikgosi. Mme Amasia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.