2 DITIRAFALO 23

Bajuta ba tsogela Athalea

1 Mme ka ngwaga wa bosupa Joyata a beta pelo, a tsaya balaodi ba makgolo, e bong Asaria morwa Jerohame le Isemaele morwa Johanane le Asaria morwa Obete le Maaseya morwa Ataya le Elisafate morwa Sigeri, a dira kgolagano nabo.

2 Bona ba tlhatlologanya dinaga tsa Juta, ba phutha Balefi metseng yotlhe ya Juta le ditlhogo tsa dikgoro tsa Iseraele, mme ba tla kwa Jerusalema.

3 Ke fa phuthego yotlhe e dira kgolagano le kgosi mo Ntlong yaMorena, mme Joyata a ba raya a re: “Bonang, morwa kgosi o tla nna kgosi jaakaMorenaa buile ka ga bomorwa Dafita.

4 Se lo tshwanetseng go se dira ke se: Lo ditlhopha tse tharo. Ba setlhopha sa ntlha sa lona baperesiti le Balefi ba ba tleng ba ye gae ka Sabata ba dise mejako ya Tempele.

5 Ba setlhopha sa bobedi ba dise ntlo ya kgosi; ba setlhopha sa boraro ba dise Kgoro ya Motheo; mme batho botlhe ba bangwe ba nne kwa malapeng a Ntlo yaMorena.

6 A go se ka ga tsena ope mo Ntlong yaMorenafa e se baperesiti le Balefi ba ba direlang; bone ba ka tsena, gonne ba boitshepo; mme batho botlhe ba tlhokomele thulaganyo yaMorena.

7 Mme Balefi ba eme tikologong ya kgosi, mongwe le mongwe a tshotse dibolai tsa gagwe. Yo o ka reng o a tsena mo Ntlong ya Modimo a bolawe. Lo nne le kgosi, fa e tsena le fa e tswa.”

8 Balefi le Bajuta botlhe ba dira fela jaaka Joyata moperesiti a laetse; mongwe le mongwe a tsaya banna ba gagwe ba ba yang gae ka Sabata le ba ba tlang tirong ka Sabata; gonne Joyata moperesiti a se ka a naya ditlhopha tse di gologileng tsela.

9 Mme Joyata moperesiti a neela balaodi ba makgolo marumo le dithebe le dithejana tsa kgosi Dafita tse di neng di le mo Ntlong ya Modimo.

10 A ba a emisa batho botlhe, ba tshwere marumo ka diatla go tloga sekhutlong sa Tempele sa borwa go fitlha sekhutlong sa Tempele sa bokone fa gare ga aletare le Tempele gore ba nne mo tikologong ya kgosi.

11 Jaanong ba ntsha morwa kgosi, ba mo rwesa serwalo sa bogosi le tshupo ya molao, ba mo dira kgosi, mme Joyata le bomorwawe ba mo tlotsa ba re: “A kgosi e tshele!”

12 Mme e rile Athalea a utlwa modumo wa batho ba ba tabogang le go dudueletsa kgosi, a ya kwa bathong kwa Ntlong yaMorena.

13 A leba a bona kgosi e eme mo sefateng sa yona fa mojakong wa Tempele le dikgosana le ba diphala ba le fa kgosing le batho botlhe ba kwa nageng ba thabile, ba letsa diphala, le baopedi ba tshwere diletso, ba letsa tsa go duduetsa. Ke fa Athalea a ikgagola diaparo a re: “A pheretlhego! A pheretlhego!”

14 Mme moperesiti Joyata a laela balaodi ba makgolo le baokamedi ba mephato, a ba raya a re: “Mo ntsheng lo mo tsenye fa gare ga batlhabani ba ba bopeletseng. Yo o mo salang morago a a bolawe ka tšhaka.” Gonne moperesiti o ne a laetse a re: “Lo se ka lwa mmolaela fa Ntlong yaMorena.”

15 Ba mo tshwara, mme ya re a fitlha kwa kgorong ya dipitse ya lelapa la kgosi, ba mmolaela teng.

Dintšhwafatso tsa ga Joyata

16 Ke fa Joyata a dira kgolagano fa gare ga gagwe le morafe otlhe le kgosi ya gore, ba tla nna morafe waMorena.

17 Ya ba gona batho botlhe ba tsenang mo tempeleng ya ga Baale ba e diga, ba thubaganya dialetare tsa yona le ditshwantsho tsa yona, ba bolaya Mathane moperesiti wa ga Baale fa pele ga dialetare.

18 Joyata a ba a tsenya kokamelo ya Ntlo yaMorenamo diatleng tsa baperesiti le Balefi ba Dafita o neng a ba kgaogantse ditlhopha tse di amoganang tirelong ya Ntlo yaMorenagore ba dire ditlhabelo tsa phiso tsaMorenaka boitumelo le kopelo ka taelo ya ga Dafita jaaka go kwadilwe mo molaong wa ga Moše.

19 A ba a tlhoma badisa fa dikgorong tsa Ntlo yaMorenagore go se ka ga tsena ope yo o itshekologileng ka sengwe.

20 Jaanong a tsaya balaodi ba makgolo le batlotlegi le dikgosana le batho botlhe ba kwa nageng, a folosa kgosi mo Ntlong yaMorena, ba tsena ka kgoro e e kwa godimo mo ntlong ya kgosi, ba baya kgosi mo sedulong sa bogosi.

21 Mme batho botlhe ba kwa nageng ba itumela, motse ona o iketlile. Athalea ba mmolaile ka tšhaka.