Bajuta ba lwa le Baetomo
1 Morago ga tseo ga tla Bamoabe le Baamone le bangwe ba Bameuni ba na nabo, ba bololela Josafate go tlhabana nae.
2 Ga tla ba ba bolelelang Josafate ba re: “Go tlhaga bontsi jo bogolo go tlhabana nao, bo tswa kwa moseja ga lewatle la letswai kwa Etomo. Ba setse ba fitlhile kwa Hasesone-Thamare, ke kwa Engedi.”
3 Ke fa Josafate a boifa, a tlhokomela fela go batlaMorena, a kua letsatsi la go itima dijo mo Juta yotlhe.
4 Ga kgobokana Bajuta go batla thuso moMoreneng; le gona ba tswa kwa metseng yotlhe ya Juta go batlaMorena.
5 Mme Josafate a ema fa pele ga phuthego ya Juta le Jerusalema ba le mo lapeng le lešwa la Ntlo yaMorena,
6 a rapela a re: “Morena, Modimo wa borraetsho, a ga o Modimo kwa legodimong? A ga o mmusi wa magosi otlhe a merafe? Kana thata le bogale di mo seatleng sa gago, mme ga go na ope yo o ka emelanang nao.
7 A ga ke re, wena Modimo wa rona o lelekile baagi ba lefatshe leno fa pele ga morafe wa gago wa Iseraele, wa le naya ba losika lwa ga Aborahame moratwa wa gago go nna la bone ka bosakhutleng.
8 Ba nna mo go lone, ba agela leina la gago Ntlo e e Boitshepo mo go lone ba re:
9 ‘Fa tatlhego e re wela, le fa e le tšhaka ya go re betsa gongwe leroborobo gongwe tlala, re tla ema fa pele ga Ntlo e le fa pele ga gago, gonne leina la gago le mo Ntlong e, re lelela kwa go wena re le mo tlalelong gore o tle o re utlwe, o re namolele.’
10 “Jaanong he, Baamone le Bamoabe le ba dithaba tsa Seire ke bale ba o kileng wa iletsa Baiseraele go tsena mo nageng ya bone, jale fa ba tswa kwa lefatsheng la Egepeto, mme ba ba fapoga, ba se ka ba ba nyeletsa.
11 Bona, ba re leboga ka bosula, ba tla go re leleka mo bosweng jwa gago jo o bo re neileng go nna jwa rona.
12 Modimo wa rona, a ga o ka ke wa ba atlhola, wa ba betsa? Gonne rona ga re na thata go ka emelana le masomosomo a, a a re bololetseng. Ga re itse se re ka se dirang, mme matlho a rona a lebeletse wena.”
13 Bajuta botlhe ba bo ba eme fa pele gaMorenale bana ba bone le basadi ba bone le bomorwaa-bone.
14 Mme Jahasiele morwa Sagaria morwa Benaya morwa Jehiele morwa Mathanya Molefi oora Asafe a tsenwa ke Mowa waMorenamo gare ga phuthego
15 a re: “Reetsang, lona Bajuta lotlhe le lona baagi ba Jerusalema le wena kgosi Josafate!Morenao lo raya jaana a re: ‘Se boifeng, lo se tshoge bontsi jo bogolo jo! Gonne tlhabano ga se ya lona, ke yaMorena.
16 Kamoso lo ba bololele. Lo tla fitlhela ba tlhatlogela phateng ya Sise, lo kgatlhana nabo bofelong jwa molapo ntlheng ya botlhabatsatsi ya sekaka sa Jeruele.
17 Ga go batlege gore lo tlhabane. Emang fela lo lebelele; lo tla bona pholoso eMorenao tla e lo direlang, lona ba Juta le Jerusalema. Lo se ka lwa boifa le e seng go tshoga. Bololang kamoso, lo ba kgatlhantshe, mmeMorenao tla nna le lona.’ ”
18 Ke fa Josafate a inamela fa fatshe ka sefatlhego, le Bajuta botlhe le baagi ba Jerusalema ba wela fa fatshe fa pele gaMorenago mo obamela.
19 Jaanong Balefi boora Kahathe le Kora ba ema go bakaMorena, Modimo wa Iseraele, ka mantswe a a tsholetsegileng mo go fetisang.
20 Kamoso ba phakela, ba bololela kwa sekakeng sa Thekoa. Ya re ba bolola, Josafate a ema a re: “Nkutlweng, lona Bajuta le lona baagi ba Jerusalema: Dumelang moMoreneng, Modimo wa lona, foo lo tla tlhomama; dumelang mafoko a baporofeti ba gagwe, foo lo tla tlhogonolofala.”
21 A ba a gakololana le morafe, a tlhoma baopedi baMorenagore ba tlhabe sefela sa pako, ba apere mokgabo o o boitshepo, ba eteletse ba ba tlhometseng pele ba re:
“LebogangMorena,
gonne bopelotlhomogi jwa
gagwe ke jo bo sa khutleng.”
22 Mme ya re fa ba simolola go duduetsa le go baka,Morenaa ntsha balaledi ba ba lwang le Baamone le Bamoabe le ba dithaba tsa Seire ba ba neng ba tlile go tlhasela Bajuta, mme ba bolayana.
23 Ke go re: Baamone le Bamoabe ba tsogela baagi ba dithaba tsa Seire go ba remaganya le go ba nyeletsa, mme ya re ba sena go fetsa baagi ba Seire, ba simolola go digelana mo tshenyegong.
24 Jaanong ya re Bajuta ba fitlha kwa thoteng mo go bonalang sekaka sentle, ba lebelela bontsintsi jole, ba fitlhela e le ditoto fela di namaletse fa fatshe, go se na ope yo o falotseng.
25 Mme Josafate le morafe wa gagwe ba atamela go tsaya thopo ya bone, ba fitlhela diruiwa ka bontsi le dithoto le diaparo le dilo tse di eletsegang, ba di ithukhuthela, mo ba bileng ba palelwa ke go di rwala; ba nna ba kgobokanya thopo malatsi a le mararo; gonne e ne e le ntsi.
26 Mme ka letsatsi la bone ba phuthegela kwa Molapong wa Pako. Gonne ba ne ba bakaMorenagona. Ke ka moo felo foo go teilweng leina la Molapo wa Pako go fitlhelela kajeno.
27 Jaanong banna botlhe ba Juta le Jerusalema ba boa, ba eteletswe pele ke Josafate go boela kwa Jerusalema ka boitumelo, kaMorenaa ne a ba itumedisitse mo babeng ba bone.
28 Ba goroga kwa Jerusalema ka diharepa le dikwadi le diphala, ba ya kwa Ntlong yaMorena.
29 Mme e rile ba magosi otlhe a mafatshe ba utlwa goreMorenao tlhabanye le baba ba Iseraele, theregiso ya Modimo ya ba wela.
30 Mme bogosi jwa ga Josafate jona jwa iketla, mme Modimo wa gagwe wa mo naya boikhutso tikologong.
Bokhutlo jwa puso ya ga Josafate
31 Josafate a busa Juta jalo. E rile a simolola go busa, a bo a le dinyaga di le 35; a busa dinyaga di le 25 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Asuba morwadia Silegi.
32 A sepela mo tseleng ya ga Asa rraagwe, a sa fapoge mo go yona; a dira tse di siameng mo matlhong aMorena.
33 Fela dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa. Batho ba ne ba ise ba ineele Modimo wa borraabo ka dipelo.
34 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Josafate tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo ditirafalong tsa ga Jehu morwa Hanani tse di tsentsweng mo lokwalong lwa dikgosi tsa Iseraele.
35 Morago ga moo Josafate kgosi ya Juta a ikgolaganya le Ahasia kgosi ya Iseraele yo o neng a dira tsa boikepo.
36 A ikgolaganya nae go dira dikepe tsa go ya kwa Tharesise. Mme ba dira dikepe kwa Esione-Gebere.
37 Mme moporofeti Eliesere morwa Dotawa wa kwa Mareša a kgalemela Josafate a re: “E re ka o ikgolagantse le Ahasia,Morenao sentse tiro ya gago.” Mme dikepe tsa robega, tsa palelwa ke go ya kwa Tharesise.