Mathata ka Baiseraele
1 Ka ngwaga wa 36 wa puso ya ga Asa, Baesa kgosi ya Iseraele a bololela Juta, a agelela Rama gore a thibele batho go ka tsena gongwe go tswa kwa go Asa kgosi ya Juta.
2 Ke fa Asa a ntsha selefera le gouta mo dikhumong tsa Ntlo yaMorenale tsa ntlo ya kgosi, a di romela kwa go Benehatate kgosi ya Siria e e neng e agile kwa Damaseko a re:
3 “Go na le kgolagano fa gare ga me le wena le fa gare ga rre le rraago. Bona, ke go rometse selefera le gouta! Yaya o senye kgolagano ya gago le Baesa kgosi ya Iseraele gore a ntlogele.”
4 Benehatate a utlwana le kgosi Asa, a roma balaodi ba mephato ya gagwe, ba bololela metse ya Iseraele, ba senya Iyone le Dane le Abele-Maime le metse yotlhe ya difala ya Nafetale.
5 Ya re Baesa a utlwa jalo, a khutla go agelela Rama, a emisa tiro eo ya gagwe.
6 Ke fa kgosi Asa a tsaya Bajuta botlhe, mme ba tlosa majwe a Rama le dikgong tsa teng tse Baesa o neng a agelela ka tsona, a agelela Geba le Mitsepha ka tsona.
Moporofeti Hanani
7 Ka sebaka seo ga tla mmoni Hanani kwa go Asa kgosi ya Juta, a mo raya a re: “E re ka o ikaegile ka kgosi ya Siria, mme o se ka wa ikaega kaMorena, Modimo wa gago, ke ka moo mephato ya kgosi ya Siria e falotseng mo diatleng tsa gago.
8 A ga ke re, Baethiopia bale le Balebia bale e ne e le mephato e megolo, ba na le dikoloi tsa ntwa le bapalami ba dipitse ba bantsi thata. Mme e re ka o ne wa ikanyaMorena, a ba neela mo diatleng tsa gago.
9 Gonne matlho aMorenaa ntse a sekaseka lefatshe lotlhe gore a itshupe a le thata go busa ba ba mo ineetseng ka pelo yotlhe. Golo fa o dirile ka bosilo. Gonne go tloga jaanong o tla tsogelwa ke dintwa.”
10 Mme Asa a galefela mmoni, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo; gonne o ne a mo tukela bogale ka ntlha ya moo, a ba a gatelela bangwe ba morafe ke sebaka seo.
Bokhutlo jwa puso ya ga Asa
11 Mme ditirafalo tsa ga Asa tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo dikwalong tsa dikgosi tsa Juta le Iseraele.
12 E rile ka ngwaga wa 39 wa puso ya gagwe Asa a simolola go bolawa ke maoto, bolwetse jwa gagwe jwa nna jwa golela pele. Mme le mo bolwetseng jwa gagwe a se ka a batla thuso yaMorena, fa e se ya dingaka fela.
13 Mme Asa a robala le borraagwe, a swa ka ngwaga wa 41 wa puso ya gagwe.
14 Ba mo fitlha mo lebitleng la gagwe le o neng a le ikgabetse mo motseng wa ga Dafita; teng ba mo robatsa mo bolaong jo bo neng bo tletse makga le ditlhare tse di tlhakantsweng ka botswerere go dira ditlolo; ba mo tshubela maswalo a mantsi thata.