2 DITIRAFALO 15

Asa o tlosa tirelo ya medimo e sele

1 Ke fa Asaria morwa Otete a tsenwa ke Mowa wa Modimo,

2 a tswa go kgatlhantsha Asa, a mo raya a re: “Ntheetsang, wena Asa le lona Bajuta le Babenyamene lotlhe:Morenao na le lona, fa lona lo na nae. Fa lo mmatla, lo tla mmona. Mme fa lo mo tlogela, o tla lo tlogela.

3 Ke malatsi a mantsi Baiseraele ba ntse ba se na Modimo wa nnete, le e seng moperesiti yo o ba rutang le e seng molao.

4 Mme e ne ya re ba boela kwaMoreneng, Modimo wa Iseraele, ba le mo tlalelong, ba mmatla, ba mmone.

5 Metlheng eo ba ba bololang le ba ba gorogang ba tlhoke kagiso; gonne ditherego tse dikgolo di ne di imela baagi botlhe ba mafatshe.

6 Setšhaba se bolawe ke setšhaba se sengwe le motse ke motse o mongwe, ka Modimo o ne o ba reregisa ka tlalelo ya mefutafuta.

7 Mme lona, tiang lo tsenye marapo dinameng; gonne tuelo ya tiro ya lona e teng.”

8 E rile Asa a utlwa mafoko ao le thero ya ga Asaria morwa Otete moporofeti, a itshupa a tiile, a tlosa medimo e e maila mo lefatsheng lotlhe la Juta le la Benyamene le mo metseng e o neng a e thopile kwa dithabeng tsa Eferaime; a ba a ntšhwafatsa aletare yaMorenae e neng e le fa pele ga matseno a Tempele yaMorena.

9 A ba a phutha Bajuta botlhe le Babenyamene le baeng ba ba nang nabo, ba tswa kwa go Eferaime le Manase le Simeone; gonne bontsi jwa Baiseraele bo ne bo ngwegetse kwa go ene, ka ba bonaMorena, Modimo wa gagwe, o na nae.

10 Mme ba phuthegela kwa Jerusalema kgweding ya boraro ya ngwaga wa 15 wa puso ya ga Asa,

11 ba direlaMorenaditlhabelo ka letsatsi leo tsa thopo e ba boileng nayo, e bong dikgomo di le 700 le difutshane di le 7 000.

12 Ba ipofa ka maikano a gore, ba tla batlaMorena, Modimo wa borraabo, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe

13 le a gore, mongwe le mongwe yo o sa batlengMorena, Modimo wa Iseraele, a bolawe, yo mmotlana gongwe yo mogolo, monna gongwe mosadi.

14 Ba ikanelaMorenajalo ka lentswe le legolo le ka tuduetso le ka diphala le dinaka.

15 Bajuta botlhe ba itumelela maikano ao; gonne ba ne ba ikanne ka pelo yotlhe, ba mmatlile ka thato yotlhe, mme ba mmona;Morenaa ba naya boikhutso tikologong.

16 Asa a koba Maaga mmaagwe, a mo ntsha mo bohumagading, ka a diretse Ašerasetshwantsho se se maswe; Asa a se pšhwetlakanya, a se fisa nokaneng ya Kiterone.

17 Le gale dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa mo Iseraeleng; fela pelo ya ga Asa e ne e se na molato ka malatsi otlhe a gagwe.

18 Le gona a tsenya dineo tse di boitshepo tsa ga rraagwe le dineo tse di boitshepo tsa gagwe mo Ntlong ya Modimo, e bong selefera le gouta le dilwana.

19 Mme go ne go se na ntwa go fitlhelela ngwageng wa 35 wa puso ya ga Asa.