2 DITIRAFALO 13

Puso ya ga Abia le ntwa ya gagwe le Jerobeame

1 Abia o ne a simolola go busa Juta ka ngwaga wa 18 wa puso ya ga Jerobeame.

2 A busa dinyaga di le tharo mo Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Migaya morwadia Uriele wa kwa Gibea. Mme go ne go le ntwa fa gare ga Abia le Jerobeame.

3 Abia a simolola ntwa ka mephato ya batlhabani ba ba pelokgale ya banna ba ba tlhaotsweng ba le 400 000, mme Jerobeame a ipaakanyetsa go tlhabana nae ka banna ba ba tlhaotsweng ba bagale ba ba tiileng ba le 800 000.

4 Mme Abia a ya a ema kwa godimo ga thaba ya Semaraime e e kwa dithabeng tsa Eferaime, a kua a re: “Wena Jerobeame le lona Baiseraele lotlhe, ntheetsang!

5 A tota ga lo itse goreMorena, Modimo wa Iseraele, o neetse Dafita bogosi jwa Iseraele ka bosakhutleng, e bong ene le bomorwawe, e le kgolagano ya letswai?

6 Mme Jerobeame morwa Nebate, motlhanka wa ga Salomo morwa Dafita, a nanoga, a tsogela morena wa gagwe.

7 Mme banna ba ba botlhofo ba disenyi ba phuthegela kwa go ene, ba ikgantsha, ba kgona Rehabeame morwa Salomo. Kana Rehabeame o ne a le mošwa, a le pelo e boi, a tlhoka thata fa pele ga bone.

8 Jaanong lona lo ithaya lo re, lo ka emelana le bogosi jwaMorenajo bo mo diatleng tsa bomorwa Dafita, ka lo le bontsi jo bogolo, lo na le dinamane tsa gouta tse Jerobeame o di dirileng go nna medimo ya lona.

9 Kana lo lelekile baperesiti baMorena, bomorwa Arone le Balefi, lwa itlhomela baperesiti jaaka merafe ya mafatshe a baheitane. Mongwe le mongwe yo o tlang ka poana le diphelehu di supa go tsenngwa mo tirong ya boperesiti ene a nne moperesiti wa dilo tse e seng medimo.

10 “Mme rona – Modimo wa rona keMorena– ga re a ka ra mo tlogela, mme bomorwa Arone ba direlaMorenae le baperesiti le Balefi ba mo tirong ya bone.

11 Ba tshubelaMorenaditlhabelo tsa phiso ka gale mo mosong le maitsiboa le maswalo a a nkgang monate, ba bee dinkgwe tsa tshupo mo tafoleng e e phepa, ba tshube setlhomo, e bong dipone tsa sona ka gale maitsiboa. Gonne rona re tshegetsa thulaganyo ya tirelo yaMorena, Modimo wa rona, mme lona lo mo tlogetse.

12 Bonang, Modimo o na le rona e le moeteledipele, le baperesiti ba na le dinaka tsa mokgosi wa ntwa tsa go lo tsosetsa tlhabano. Lona Baiseraele, se tlhabaneng leMorena, Modimo wa borraeno. Gonne ga lo ka ke lwa kgona sepe.”

13 Mme Jerobeame a potolosa balaledi gore ba ba pote ka kwa morago. Ba bo ba lebaganye le Bajuta jalo, mme balaledi ba le kwa morago ga bona.

14 Jaanong ya re Bajuta ba gadima, ba fitlhela tlhabano e ba lebile kwa pele le kwa morago. Ke fa ba goelaMoreneng, mme baperesiti ba letsa dinaka,

15 mme banna ba Juta ba thela lošalaba. Mme ya re banna ba Juta ba thela lošaba, Modimo wa itaya Jerobeame le Baiseraele botlhe fa pele ga Abia le Bajuta.

16 Baiseraele ba tshaba Bajuta; Modimo wa ba neela mo diatleng tsa bone,

17 mme Abia le batlhabani ba gagwe ba ba bolaya ka polao e kgolo, ga bolawa Baiseraele ba le 500 000, e le banna ba ba tlhaotsweng.

18 Baiseraele ba ne ba kokobediwa jalo ka sebaka seo, mme Bajuta ba tia, ka ba ne ba ikaegile kaMorena, Modimo wa borraabo.

19 Mme Abia a khutšhela Jerobeame, a mo amoga metse, e bong Bethele le metsana ya teng le Jesana le metsana ya teng le Eferone le metsana ya teng.

20 Jerobeame a se ka a tlhola a na le thata malatsing a ga Abia, mmeMorenaa mo itaya a ba a swa.

21 Abia ene a itshupa a le thata, a nyala basadi ba le 14, a tsala bomorwa ba le 22 le bomorwadi ba le 16.

22 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Abia le mesepele ya gagwe le mafoko a gagwe di kwadilwe mo tlhalosong ya ga Ito moporofeti.