2 DITIRAFALO 12

Baegepeto ba tlhasela Juta

1 E rile Rehabeame a se na go tlhomamisa bogosi le go nna thata a tlogela molao waMorenale Baiseraele botlhe nae.

2 Mme ya re ka ngwaga wa botlhano wa puso ya gagwe Sisake kgosi ya Egepeto a bololela Jerusalema, ka ba ne ba diretseMorenaka boikanyologo.

3 A tla a na le dikoloi tsa ntwa di le 1 200 le bapalami ba dipitse ba le 60 000; mme batlhabani ba ba duleng nae kwa Egepeto ba ne ba se na palo, e le ba Balebia le Basugi le Baethiopia.

4 A thopa metse e e femetsweng ya Juta, a ba a tla kwa Jerusalema.

5 Ke fa moporofeti Semaya a tla kwa go Rehabeame le kwa dikgosaneng tsa Juta tse di neng di phuthegetse kwa Jerusalema di tshabile Sisake, a ba raya a re: “Morenao bua jaana a re: ‘Lona lo ntlogetse. Ke ka moo le nna ke lo tlogetseng lo le mo diatleng tsa ga Sisake.’ ”

6 Foo dikgosana tsa Iseraele tsa ikokobetsa mmogo le kgosi tsa re: “Morenao mo nneteng.”

7 E rileMorenaa ba bona ba ikokobeditse, lefoko laMorenala tla kwa go Semaya la re: “E re ka ba ikokobeditse, ga ke ne ke ba senya, mme ke tla ba naya bobotlana jwa pholoso gore bogale jwa me bo se tshologele Jerusalema ka Sisake.

8 Fela ba tla nna batlhanka ba gagwe gore ba lemoge pharologanyo ya go ntirela le go direla dikgosi tsa mafatshe.”

9 Sisake kgosi ya Egepeto a bololela Jerusalema jalo, a amoga dikhumo tsa Ntlo yaMorenale dikhumo tsa ntlo ya kgosi, a tsaya dilo tsotlhe, a ba a tsaya le dithebe tsa gouta tse Salomo o di dirileng.

10 Mo boemong jwa dithebe tseo kgosi Rehabeame a dira tsa kgotlho, a di neela mo diatleng tsa balaodi ba batabogi ba ba disang mojako wa ntlo ya kgosi gore ba di tlhokomele.

11 Mme e ne ya re fa kgosi e tsena mo Ntlong yaMorena, batabogi ba tle, ba di tsholetse; morago ba di busetse ntlwaneng ya batabogi.

12 Ya re ka Rehabeame a ikokobetsa, bogale jwaMorenajwa boa mo go ene, jwa se ka jwa mo nyeletsa gotlhe. Le gona dilo tse di siameng di ne di sa ntse di le teng mo Juta.

Kakaretso ya tsa puso ya ga Rehabeame

13 Kgosi Rehabeame a itiisa jalo gape mo Jerusalema, a tswelela pele go busa. Rehabeame o ne a le dinyaga di le 41, fa a simolola go busa, a busa dinyaga di le 17 mo Jerusalema, ona motse oMorenao o tlhophileng mo ditsong tsotlhe tsa Iseraele go baya leina la gagwe teng. Leina la ga mmaagwe e ne e le Naama wa Moamone.

14 A dira tse di bosula, ka a se ka a ineela ka pelo ya gagwe go batlaMorena.

15 Mme ditirafalo tsa ga Rehabeame tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo ditirafalong tsa moporofeti Semaya le tsa ga Ito mmoni ka fa lokwalong lwa ditshika. Mme go ne go ntse go le dintwa fa gare ga Rehabeame le Jerobeame ka metlha yotlhe.

16 Mme Rehabeame a robala le borraagwe, a fitlhwa mo motseng wa ga Dafita, mme Abia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.