2 DITIRAFALO 10

Kgaogano ya bogosi: Rehabeame kgosi ya Juta; Jerobeame kgosi ya Iseraele

1 Rehabeame a ya kwa Šegeme, gonne Baiseraele botlhe ba ne ba ile kwa Šegeme go mo tlhoma mo bogosing.

2 E rile Jerobeame morwa Nebate a utlwa jalo a le kwa Egepeto kwa a neng a tshabetse teng, fa a tshaba kgosi Salomo, a boa kwa Egepeto.

3 Mme Baiseraele ba roma go ya go mmitsa. Jerobeame a tla jalo a na le Baiseraele botlhe, mme ba bua le Rehabeame ba re:

4 “Rraago o no a imafatsa joko ya rona. Jaanong he, wena o re imolole mo tirong e e thata ya ga rraago le mo jokong e e makete ya gagwe e a e re rwesitseng, foo re tla go direla.”

5 Mme ene a ba raya a re: “Tsamayang mme lo boele go nna morago ga malatsi a le mararo.” Batho ba tsamaya.

6 Ke fa kgosi Rehabeame a gakololana le banna bagolo ba ba neng ba direla Salomo rraagwe a sa ntse a phela a re: “Nkgakololang ka fa nka arabang morafe o ka teng.”

7 Ba mo raya ba re: “Fa o ka dumalelana le batho ba, wa ba kgatlha, wa bua mafoko a bopelonomi nabo, ba tla nna batlhanka ba gago ka malatsi otlhe.”

8 Mme a tlhokomologa kgakololo ya banna bagolo e ba e mo neileng, a ya go gakololana le ba bašwa ba ba godileng nae, ba ba mo direlang.

9 A botsa a re: “Lona lo gakolola jang, ka fa re ka arabang batho ka teng ba ba ntheileng ba re: ‘Tlhofofatsa joko e rraago o e re rwesitseng’?”

10 Ba bašwa bao ba ba godileng nae ba mo araba ba re: “O ree morafe o o buileng nao wa re: ‘Rraago o ne a imafatsa joko ya rona, mme wena o e re tlhofofaletse!’ – o ba arabe jaana o re: ‘Monwana o monnye wa me o feta letheka la ga rre ka bokima.

11 Jaanong he, rre o ne a lo rwesa joko e e makete, mme nna ke tla oketsa joko ya lona bokete; rre o ne a lo otla ka dime, mme nna ke tla lo betsa ka diphepheng.’ ”

12 Ka letsatsi la boraro ga tla Jerobeame le morafe otlhe kwa go Rehabeame jaaka kgosi e laetse ya re: “Boelang kwano go nna ka letsatsi la boraro.”

13 Ke fa kgosi e ba naya karabo e e thata. Kgosi Rehabeame a tlogela kgakololo ya banna bagolo

14 a bua nabo ka fa kgakololong ya ba bašwa a re: “Rre o imafaditse joko ya lona, mme nna ke tla e oketsa bokete. Rre o ne a lo betsa ka dime, mme nna ke tla lo betsa ka diphepheng.”

15 Kgosi ya se ka ya utlwana le morafe. Mme e ne e le se se tswang kwa Modimong goreMorenaa dirafatse lefoko la gagwe le o le buileng le Jerobeame morwa Nebate ka Ahia wa kwa Silo.

16 Ya re Baiseraele botlhe ba bona kgosi e sa utlwane nabo, batho ba fetola kgosi ba re: “Ga re na kabelo mo go Dafita. Le gona ga re na boswa mo go morwa Isai. A mongwe le mongwe a boela kwa ditenteng tsa gagwe, Iseraele! Sala jalo le lelapa la gago Dafita.” Jaanong Baiseraele botlhe ba phatlalala, ba ya kwa ditenteng tsa bone.

17 Mme Baiseraele ba ba neng ba agile mo metseng ya Juta bone ba busiwa ke Rehabeame.

18 Mme ya re kgosi Rehabeame a romile Hatorame yo o neng a okametse badiri ba mekuio, Baiseraele ba mo kgobotletsa ka majwe, a ba a swa. Ke fa kgosi Rehabeame a itlhaganela, a palama koloi, a tshabela kwa Jerusalema.

19 Baiseraele ba ne ba ikepa jalo mo ntlong ya ga Dafita go fitlha letsatsing la kajeno.