2 DITIRAFALO 9

Salomo o etelwa ke kgosigadi ya kwa Seba

1 E rile kgosigadi ya Šeba e utlwela tumedi ya ga Salomo, ya tla kwa Jerusalema go leka Salomo ka dipotso tse di thata, e na le lekoko le legolo thata le dikammele tse di belesitseng makga le gouta e ntsi le majwana a a tlhokegang; ya tla kwa go Salomo, ya mmotsa tsotlhe tse di neng di le mo pelong ya yona.

2 Salomo a e ranolela dipotso tsotlhe tsa yona, go se na sepe se se mo fitlhegetseng se a paletsweng ke go se e tlhalosetsa.

3 Mme ya re kgosigadi ya Šeba e bona botlhale jwa ga Salomo le ntlo e a e agileng

4 le dijo tsa tafole ya gagwe le manno a batlhanka ba gagwe le tirelo ya badiredi ba gagwe le diaparo tsa bone le bathokedi ba gagwe le diaparo tsa bone le setlhabelo sa phiso sa gagwe se o neng a se dira kwa Ntlong yaMorenaya felelwa ke kakanyo,

5 ya raya kgosi ya re: “Polelo e ke e utlwileng kwa lefatsheng la me ka ga gago le ka ga botlhale jwa gago e ne e le nnete.

6 Mme ke ne ke sa dumele mafoko a bone ga tsamaya ka tla ka bona ka matlho, ka fitlhela tse ke di boleletsweng di fetwa ke bontlhanngwe jwa botlhale jo bogolo jwa gago. O gaisa tumedi e ke e utlwileng.

7 Go tlhogonolo batho ba gago, go sego batlhanka ba gago ba, ba ba ntseng ba go direla ka gale, ba utlwa botlhale jwa gago.

8 AMorenaModimo wa gago o tumisiwe o o kgatlhilweng ke wena, wa go baya mo sedulong sa bogosi sa ona, mme wa nna kgosi yaMorena, Modimo wa gago. E re ka Modimo wa gago o rata Baiseraele go ba tlhomamisa ka bosakhutleng, ke ka moo o go dirileng kgosi ya bone go dira ka tshiamo le tshwanelo.”

9 Jaanong ya naya kgosi ditalente di le 120 tsa gouta le makga a mantsintsi le majwana a a tlhokegang. Makga a a kana ka ona a kgosigadi ya Šeba e a neileng kgosi Salomo a ne a ise a ke a nne teng.

10 Le gona batlhanka ba ga Hurame le batlhanka ba ga Salomo ba ba neng ba tlisa gouta ya kwa Ofire ba tlisa dikgong tsa merukuru le majwana a a tlhokegang.

11 Kgosi ya direla Ntlo yaMorenale ntlo ya kgosi mapalamo le dikwadi le diharepa tsa baopedi ka dikgong tse tsa merukuru; tse di tshwanang le tseo di ne di ise di ke di bonwe mo lefatsheng la Juta pele ga foo.

12 Kgosi Salomo a naya kgosigadi ya Šeba tsotlhe tse e neng e di eletsa e di kopa, tsa gaisa tse e di tliseditseng kgosi thata. Jaanong ya hulara, ya boela kwa lefatsheng la yona e na le batlhanka ba yona.

Khumo ya ga Salomo

13 Bokete jwa gouta e e neng e tsisediwa Salomo ka ngwaga o le mongwe e ne e le ditalente di le 666 tsa gouta,

14 go sa balwe tse di tswang go gweba le tse barekisi ba di tlisang; le dikgosi tsotlhe tsa Arabia le balaodi ba lefatshe ba nna ba tlisetsa Salomo gouta le selefera.

15 Kgosi Salomo a dira dithebe di le 200 tsa gouta e e papetlilweng; thebe e le nngwe ya dirwa ka dišekele di le 600 tsa gouta e e papetlilweng;

16 le dithejana di le 300 tsa gouta e e papetlilweng; thejana e le nngwe ya dirwa ka dišekele di le 300; kgosi ya di baya kwa Ntlong-ya-Sekgwa-sa-Lebanone.

17 Le gona kgosi ya dira sedulo se segolo sa bogosi ka dinaka tsa tlou, ya se manega gouta e e sa pekwang.

18 Sedulo seo sa bogosi se ne se na le mapalamo a le marataro le sebeo sa dinao sa gouta se se tshwaraganyeng le sedulo sa bogosi; manno a sona a ne a na le maikhutso a mabogo; ditau tse pedi tsa bo di eme fa thoko ga maikhutso ao.

19 Ditau di le 12 tsa bo di eme teng mo mapalamong a marataro mo ditlhakoreng tsoo pedi. Ga go na bogosi bope jo bo kileng jwa direlwa tse di ntseng jalo.

20 Dinwelo tsotlhe tsa kgosi Salomo e ne e le tsa gouta; dijana tsotlhe tsa Ntlo-ya-Sekgwa-sa-Lebanone e le tsa gouta e e sa pekwang; selefera e ne e sa kaiwe sepe mo malatsing a ga Salomo.

21 Gonne kgosi e ne e na le dikepe tse di yang kwa Tharesise, di tsamaisiwa ke batlhanka ba ga Hurame. Dikepe tseo tsa Tharesise di ne di goroga mo gae gangwe mo ngwageng tse tharo, di tla di tshotse gouta le selefera le dinaka tsa tlou le dikgabo le diphikoko.

22 Kgosi Salomo o ne a nna mogolo jalo, a feta dikgosi tsa lefatshe ka khumo le botlhale.

23 Dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di ne di eletsa go bona Salomo gore di reetse botlhale jwa gagwe jo Modimo o neng o bo mo file mo pelong.

24 Mongwe le mongwe wa tsona o ne a tla ka neo ya gagwe, e ka nna dilo tsa selefera gongwe tsa gouta gongwe dikobo gongwe dibolai gongwe makga gongwe dipitse gongwe meboulwe; go le jalo ka ngwaga le ngwaga.

25 Salomo o ne a na le dipitse di le 4 000 le dikoloi le bapalami ba le 12 000. A di baya mo metseng ya dikoloi le mo Jerusalema fa kgosing.

26 A busa dikgosi tsotlhe go tloga kwa nokeng ya Ferathe go ya kwa lefatsheng la Bafelesita le go fitlha molelwaneng wa Egepeto.

27 Kgosi ya dira gore go nne selefera mo Jerusalema e e kana ka majwe ka bontsi; ya ntsifatsa mesetere gore e lekane le megokare ya naga e e kwa tlase ka bontsi.

28 Ba ne ba reka dipitse kwa Egepeto le kwa mafatsheng otlhe, ba di isetsa Salomo.

Loso lwa ga Salomo

29 Ditirafalo tse dingwe tsa ga Salomo tsa pele le tsa morago kana di kwadilwe mo ditirafalong tsa moporofeti Nathane le mo mafokong a boporofeti a ga Ahia wa kwa Silo le mo diponeng tsa ga Ito yo o neng a bolelela pele ka ga Jerobeame morwa Nebate.

30 Salomo o ne a busa Baiseraele botlhe mo Jerusalema dinyaga di le 40.

31 Salomo a robala le borraagwe, mme ba mo fitlha mo motseng wa ga Dafita rraagwe, mme Rehabeame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.