Salomo o agelela metse, a rulaganya tirelo-Modimo, a tsaya gouta kwa Ofire
1 E rile dinyaga di le 20 di sena go feta, tse Salomo o neng a aga Ntlo yaMorenale ntlo ya gagwe ka tsona
2 Salomo a agelela metse e a e filweng ke Hurame, a ba a baya Baiseraele mo go yona.
3 Salomo a ba a ya kwa Hamathe-Soba, a mo fenya,
4 a agelela Thatemore kwa sekakeng le metse yotlhe ya difala e o neng a e aga kwa nageng ya Hamathe.
5 A ba a agelela Bethorone-godimo le Bethorone-tlase, ya nna metse e e femetsweng ka dipota le ditswalo le mephakarego
6 le Baalathe le metse yotlhe ya difala e Salomo o neng a na nayo le metse yotlhe ya dikoloi tsa ntwa le metse ya bapalami; a dira le tsotlhe tse di neng di mo kgatlha tse a ratang go di aga mo Jerusalema le kwa Lebanone le mo lefatsheng lotlhe la puso ya gagwe.
7 Masalela otlhe a Bahethe le Baamori le Baferesi le Bahewi le Bajebusi, ba e seng ba Baiseraele
8 bana ba bone ba ba setseng mo lefatsheng sehularong sa bone ba Baiseraele ba se kang ba ba nyeletsa, bone Salomo a ba dirisa tiro ya mokuio, ga nna jalo go fitlhelela letsatsing leno.
9 Mme Salomo a se ka a dira makgoba ape mo Baiseraeleng a go dira tiro ya gagwe; gonne bone e ne e le batlhabani le balaodi ba bagale le balaodi ba dikoloi tsa gagwe le ba bapalami ba gagwe.
10 Baokamedi ba bagolo ba kgosi Salomo ba ne ba le 250; bao ba ne ba okametse batho.
11 Salomo a ba a ntsha morwadiaFarao mo motseng wa ga Dafita, a mo isa kwa ntlong e o e mo agetseng; gonne o ne a re: “A go se nne mosadi ope wa me mo ntlong ya ga Dafita kgosi ya Iseraele; gonne mafelo ao a boitshepo, ka Letlole laMorenale tsenye mo go ona.”
12 Metlheng eo Salomo a direlaMorenaditlhabelo tsa phiso mo aletareng yaMorenae o e agileng fa pele ga matseno a Tempele;
13 go ne go dirwa ditlhabelo tsa letsatsi lengwe le lengwe ka fa taelong ya ga Moše ka boSabata le ka dingwedi tse di rogilweng le ka malatsi a meletlo, gararo ka ngwaga, ka Moletlo wa Dinkgwe tse di sa bedisiwang le ka Moletlo wa Dibeke le ka Moletlo wa Metlaagana.
14 Le gona a tsenya ditlhopha tsa baperesiti mo tirelong ya bone ka fa taelong ya ga Dafita rraagwe le Balefi mo ditirong tsa bone tsa go baka Modimo le go thusa baperesiti gore go dirwe ka fa go batlegang letsatsi lengwe le lengwe ka teng; a ba a baya badisa ba dikgoro kwa kgorong nngwe le nngwe ka fa ditlhopheng tsa bone; gonne taelo ya ga Dafita monna wa Modimo e ne e re jalo.
15 Mme ba se ka ba fapoga ka gope mo taelong ya kgosi ka ga baperesiti le Balefi le ka ga badisa ba matlwana a dikhumo.
16 Tiro yotlhe ya ga Salomo ya wediwa go tloga letsatsing le Ntlo yaMorenae theilweng ka lone go fitlhelela e be e fediwe. Ntlo yaMorenaya agega jalo ka botlalo.
17 Metlheng eo Salomo a ya kwa Esione-Gebere le kwa Elothe fa losing lwa lewatle kwa lefatsheng la Baetomo.
18 Mme Hurame a mo romela dikepe ka batlhanka ba gagwe le batlhanka ba bangwe ba ba itseng lewatle. Bao ba ya kwa Ofire, ba na le batlhanka ba ga Salomo, ba tsaya teng ditalente di le 450 tsa gouta, ba di tlisetsa kgosi Salomo.