2 DITIRAFALO 7

Kgakolo ya Tempele

1 E rile Salomo a sena go rapela, molelo wa fologa kwa legodimong, wa ja ditlhabelo tsa phiso le ditlhabelo tse di jewang, mme kgalalelo yaMorenaya tlala ka Ntlo ya Modimo

2 mo baperesiti ba bileng ba palelwa ke go tsena mo Ntlong yaMorena, ka kgalalelo yaMorenae ne e tletse mo Ntlong yaMorena.

3 Ya re Baiseraele botlhe ba bona molelo o fologa le kgalalelo yaMorenae okame Ntlo ya Modimo, ba khubama, ba inamela fa fatshe ka difatlhego mo bodilong jwa matlapa, ba obamela, ba lebogaMorena, ka a le molemo le bopelotlhomogi jwa gagwe e le jo bo sa khutleng.

4 Mme kgosi le morafe otlhe ba direlaMorenaditlhabelo.

5 Kgosi Salomo a tlhaba ditlhabelo tsa dikgomo di le 22 000 le tsa difutshane di le 120 000; kgosi le morafe otlhe ba kgakola Ntlo ya Modimo jalo.

6 Baperesiti ba bo ba eme mo mannong a bone, Balefi bone ba tshotse diletso tsaMorenatse di neng di dirilwe ke kgosi Dafita go lebogaMorena, ka bopelotlhomogi jwa gagwe e le jo bo sa khutleng; e le sefela sa tebogo sa ga Dafita se lediwa ke bone. Mme baperesiti ba letsa diphala ba lebaganye nabo, Baiseraele botlhe ba ntse ba eme ka dinao.

7 Mme Salomo a itshepisa bogare jwa lelapa le le mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Ntlo yaMorena; gonne teng a tlisa ditlhabelo tsa phiso le mafura a ditlhabelo tsa tebogo, ka aletare ya kgotlho e Salomo o e dirileng e ne e sa lekane ditlhabelo tsa phiso le ditshupelo tsa bupe le mafura.

8 Le gona ka sebaka seo Salomo a dira Moletlomalatsi a supa a na le Baiseraele botlhe, e le phuthego e kgolo thata e e tswang nageng yotlhe go tloga kwa Hamathe go ya go fitlha kwa molatswaneng wa Egepeto.

9 A ba a dira kgobokano ya moletlo ka letsatsi la robedi; gonne ba ne ba dirile kgakolo ya aletare malatsi a supa le Moletlo malatsi a supa.

10 Mme ka letsatsi la 23 la kgwedi ya bosupa a naya batho tsela, ba boela kwa magaeng ba itumetse, ba natefetswe ke tse di molemo tseMorenaa di diretseng Dafita le Salomo le morafe wa gagwe wa Iseraele.

Morena o iponatsa Salomo gape

11 Jaanong e rile Salomo a sena go fetsa Ntlo yaMorenale ntlo ya kgosi le go wetsa tsotlhe ka maatlametlo tse a neng a rata go di dira mo Ntlong yaMorenale mo ntlong ya gagwe,

12 Morenaa iponatsa gape mo go Salomo bosigo a mo raya a re: “Ke utlwile thapelo ya gago, ke bile ke itlhaoletse felo fa go nna Ntlo ya tlhabelo.

13 Fa ke tswala legodimo, mme go se na pula, gongwe fa ke laela tsie go ja lefatshe, gongwe fa ke romela leroborobo mo morafeng wa me,

14 mme morafe wa me o o bidiwang ka fa leineng la me o ikokobetsa, ba rapela, ba batla sefatlhego sa me, ba boa mo ditseleng tsa bone tse di bosula, foo ke tla utlwa ke le kwa legodimong, ke itshwarela boleo jwa bone, ke alafa lefatshe la bone.

15 Jaanong matlho a me a tla bo a budulogile le ditsebe tsa me di sekegetswe thapelo ya felo fa.

16 Mme go tloga jaanong ke tlhophile Ntlo e, ka ba ka e itshepisa gore leina le me le nne teng ka bosakhutleng. Mme matlho a me le pelo ya me di tla nna teng ka malatsi otlhe.

17 Mme wena, fa o ka sepela fa pele ga me jaaka Dafita rraago a sepetse, wa dira fela jaaka ke go laetse, wa tshegetsa melao ya me le ditshiamelo tsa me,

18 gona ke tla tlhomamisa sedulo sa bogosi jwa gago jaaka ke solofeditse Dafita rraago ka re: ‘Ga o kitla o tlhoka monna yo o busang Baiseraele.’

19 Mme fa lo ka ikepa, lwa tlogela melao ya me le ditaolo tsa me tse ke di lo neileng, lwa ya lwa direla medimo e sele, lwa e obamela,

20 foo ke tla lo kumola, ke lo tlosa mo lefatsheng la me le ke le lo neileng. Mme Ntlo e, e ke e itshepiseditseng leina la me, ke tla e latlha, ke e tlosa fa pele ga me, ke e dira seane le tshotlego mo merafeng yotlhe.

21 “Mme Ntlo e, e e neng e tlotlometse mo go fetisang, mongwe le mongwe yo o fetang fa go yona o tla rerega, a botsa a re: ‘Ke ka ntlha ya eng faMorenaa diretse lefatshe le, le Ntlo e ka mokgwa oo?’

22 Go tla arabiwa go twe: ‘E re ka ba tlogetseMorena, Modimo wa borraabo, o o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto, ba ineela mo medimong e sele, ba e obamela, ba e direla, ke ka moo o ba dirafaleditseng tatlhego yotlhe e.’ ”