2 DITIRAFALO 5

1 E rile tiro yotlhe e Salomo o neng a e direla Ntlo yaMorenae se na go wediwa, Salomo a tsenya dineo tse di boitshepo tsa ga Dafita rraagwe; a ba a tsenya selefera le gouta le dilo tsa mefutafuta mo dipolokelong tsa Ntlo ya Modimo.

Letlole la Kgolagano le isiwa kwa Tempeleng

2 Sebakeng seo Salomo a phutha bagolo ba Iseraele le dikgosana tsotlhe tsa ditso le ditlhogo tsa dikgoro tsa Baiseraele, ba tla kwa Jerusalema go ya go tsaya Letlole la Kgolagano yaMorenakwa motseng wa ga Dafita o e leng Sione.

3 Banna botlhe ba Iseraele ba phuthegela kwa kgosing moletlong ka kgwedi ya bosupa.

4 Jaanong e rile bagolo botlhe ba Iseraele ba sena go goroga, Balefi ba tsaya Letlole,

5 ba tlisa Letlole le Tente ya Boipontsho le didiri tsotlhe tse di boitshepo tse di neng di le mo tenteng eo; baperesiti le Balefi ba di tlisa.

6 Mme ya re kgosi Salomo le phuthego yotlhe ya Iseraele e e neng e phuthegetse kwa go ene, ba ntse ba le fa pele ga Letlole, ba tlisa ditlhabelo tsa difutshane le dikgomo tse di sa ka keng tsa balwa, le fa e le go akanngwa ka ntlha ya bontsi.

7 Baperesiti ba isa Letlole la Kgolagano yaMorenakwa felong ga lone, kwa Felong fa go kwa Tengteng ga Tempele, kwa Felong-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo fa tlase ga diphuka tsa boKerubime.

8 Mme boKerubime ba bo ba tsharolotse diphuka godimo ga Letlole, ba sireleditse Letlole le disikari tsa lone, ba le okame.

9 Mme disikari e ne e le tse ditelele mo dintlha tsa tsona tse di tswang Letloleng di neng di bonala ka fa ntle ga Felo fa go kwa Tengteng, mme di sa bonale ka kwa ntle; le ntse le le teng go fitlha letsatsing la kajeno.

10 Go ne go se sepe mo Letloleng fa e se matlapa a mabedi a Moše o neng a a tsenya mo teng kwa Horebe, jale faMorenaa dira kgolagano le Baiseraele, fa ba tswa kwa Egepeto.

Kgalalelo ya Morena

11 Jaanong baperesiti ba tswa mo Felong-ga-Boitshepo. Kana baperesiti botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba iitshepisitse go sa tlhokomelwe kamogano ya ditlhopha mo tirong.

12 Gape baopedi ba Balefi botlhe Asafe le Hemane le Jeduthune le bomorwaa-bone le ba ga bone ba ne ba eme ntlheng ya botlhabatsatsi ya aletare, ba apere masela a masweu, ba na le matlhao-a-mabogo le diharepa le dikwadi, mme baperesiti ba le 120 ba na nabo ba letsa diphala.

13 Baletsi ba diphala le baopedi ba utlwala jaaka e kete ke lentswe la a le mongwe fela go baka le go lebogaMorena; ya re ba tlhatlosa mantswe ka diphala le ka matlhao-a-mabogo le ka diletso tse dingwe le ka pako e e reng: BakangMorena, gonne o molemo, mme bopelotlhomogi jwa gagwe ke jo bo sa khutleng! Ntlo ya tlala leru la kgalalelo yaMorena.

14 Mme baperesiti ba palelwa ke go ema le go dira tsa tirelo-Modimo ka ntlha ya leru; gonne kgalalelo yaMorenae ne e tletse mo Ntlong ya Modimo.