1 E rile Dafita a se na go tsofala le go ja lefatshe a dira Salomo morwawe kgosi ya Iseraele.
Ditiro tsa Balefi
2 A ba a phutha dikgosana tsotlhe tsa Iseraele le baperesiti le Balefi.
3 Mme Balefi ba balwa go simolola ka ba ba dinyaga di le 30 le bomogoloa-bone, mme palo ya bone ka fa ditlhogong tsa bone e le banna ba le 38 000.
4 Dafita a laela a re: “Ba le 24 000 ba bone ba na le go okamela tiro ya Ntlo yaMorena; ba le 6 000 e nne bakwaledi le baatlhodi;
5 ba le 4 000 e nne badisa ba dikgoro; ba le 4 000 ba bangwe e nne ba ba bakangMorenaka diletso tse ke di diretseng go baka ka tsona.”
6 Dafita a ba a ba kgaoganya ditlhopha ka fa ditshikeng tsa bomorwa Lefi Geresone le Kahathe le Merari.
7 Boora Geresone e ne e le Laetane le Simei.
8 Bomorwa Laetane e ne e le Jehiele, wa ntlha, le Sethame le Joele, ba bararo.
9 Bomorwa Simei e ne e le Selomothe le Hasiele le Harane, ba bararo; bao e le ditlhogo tsa dikgoro tsa losika lwa ga Laetane.
10 Bomorwa Simei e ne e le Jahathe le Sisa le Jeuse le Beria. Ke bone bomorwa Simei ba bane.
11 Jahathe e ne e le wa ntlha, Sisa e le wa bobedi; mme Jeuse le Beria ba ne ba se na bana ba bantsi; ka moo ba nna kgoro e le nngwe le setlhopha se le sengwe.
12 Bomorwa Kahathe e ne e le Amerame le Isehare le Heberone le Usiele, ba bane.
13 Bomorwa Amerame e ne e le Arone le Moše. Mme Arone a ntshiwa go tsenngwa tirelong ya Felo-ga-Boitshepo-jwa-Maitshepo, ene le bomorwawe ka bosakhutleng gore a fise maswalo fa pele gaMorena, a mo direle, a tshegofatse ka leina la gagwe ka bosakhutleng.
14 Fa e le Moše monna wa Modimo, bomorwawe ba ne ba balelwa mo lotsong lwa ga Lefi.
15 Bomorwa Moše e ne e le Geresome le Eliesere.
16 Morwa Geresome e ne e le Sebuele tlhogo ya losika.
17 Morwa Eliesere e ne e le Rehabja tlhogo ya losika, mme Eliesere a se na bomorwa ba bangwe, mme bomorwa Rehabja ba ne ba le bantsi thata.
18 Morwa Isehare e ne e le Selomithe tlhogo ya losika.
19 Bomorwa Heberone e ne e le Jeria, wa ntlha, le Amaria, wa bobedi, le Jahasiele, wa boraro, le Jekameame, wa bone.
20 Bomorwa Usiele e ne e le Miga, wa ntlha, le Isia, wa bobedi.
21 Bomorwa Merari e ne e le Magedi le Muši; bomorwa Magedi e le Eleasare le Khiše.
22 Mme Eleasare a swa a se na bomorwa fa e se bomorwadi fela, mme ba nyalwa ke bomorwa Khiše, rrangwanaabo.
23 Bomorwa Muši e ne e le Magedi le Etere le Jeremothe, ba bararo.
24 Ke bone bomorwa Lefi ka fa dikgorong tsa bone, e bong ditlhogo tsa dikgoro ka fa ba rulagantsweng ka teng ka fa ditlhogong tsa bone ba ba neng ba dira ditiro tsa tirelo kwa Ntlong yaMorena, go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone.
25 Gonne Dafita o ne a re: “Morena, Modimo wa Iseraele, o file morafe wa gagwe boikhutso, o bile o agile mo Jerusalema ka bosakhutleng.
26 Le gona Balefi ga ba tlhole ba na le go sikara Taberenakele le dilwana tsotlhe tsa tirelo ya yona.”
27 Gonne ka fa mafokong a bofelo a ga Dafita bomorwa Lefi ba ne ba balwa go simolola ka ba ba dinyaga di le 20 le bomogoloa-bone.
28 Mme tiro ya bone ke go thusa bomorwa Arone tirelong ya Ntlo yaMorena, go okamela malapa le matlwana le go phepafatsa dilo tsotlhe tse di boitshepo le ditiro tse dingwe mo Ntlong ya Modimo
29 le go tlhokomela dinkgwe tsa tshupo le bupe jo bo setou jwa tshupelo ya dijo le dinkgwenyana tse dipapetla tse di sa bedisiwang le moritshana le tse di fagwang le dielo tsotlhe le ditekanyo tsotlhe
30 le go ema ka moso mongwe le mongwe go leboga le go bakaMorenale maitsiboa fela jalo;
31 le go direlaMorenaditlhabelo tsotlhe tsa phiso ka boSabata le ka malatsi a ngwedi o o rogilweng le ka meletlo ka fa palong ya tsona ka fa di tshwanetseng ka teng ka gale fa pele gaMorena.
32 Ba tshwanetse go tlhokomela ditiro mo Tenteng ya Boipontsho le ditiro mo Felong-ga-Boitshepo le ditiro tsa go thusa bomorwa Arone, ba ga bone ba le tirelong ya Ntlo yaMorena.