1 DITIRAFALO 21

Molato wa go bala batho

1 Satane o kile a tsogela Baiseraele, a tlhotlheletsa Dafita go bala Baiseraele.

2 Ke fa Dafita a raya Joabe le dikgosana tsa morafe a re: “Yaang lo bale Baiseraele go tloga kwa Bereseba go fitlha kwa Dane, lo bo lo tle go mpegela gore ke itse palo ya bone.”

3 Mme Joabe a fetola a re: “AMorenaa okeletse morafe wa gagwe ba ba kana ka ona ga lekgolo. Kgosi mong wa me, bone botlhe a ga se batlhanka ba morena wa me? Mong wa me o batlelang selo se se ntseng jalo? O tla bo o leofisetsang Baiseraele?”

4 Fela lefoko la kgosi la pateletsa Joabe, mme Joabe a bolola a ralala Iseraele yotlhe, a ba a boela kwa Jerusalema,

5 a feta a neela Dafita palo ya batho: Banna ba ba somolang tšhaka ba Baiseraele botlhe ba ne ba le 1 100 000; banna ba ba somolang tšhaka ba Juta ba le 470 000.

6 Mme o ne a sa bala Balefi le Babenyamene nabo; gonne lefoko la kgosi le ne le tena Joabe.

7 Fela selo seo se ne se le bosula mo matlhong a Modimo, mme wa betsa Baiseraele.

8 Ke fa Dafita a raya Modimo a re: “Ke leofile thata ka go dira jalo. Mme jaanong a ko o itshwarele molato wa motlhanka wa gago; gonne ke dirile bosilo jo bogolo.”

9 MmeMorenaa bua le Gate mosedisetsi wa ga Dafita a re:

10 “Yaa o bue le Dafita o re: ‘Morenao buile jaana a re: Ke tsharolotse dilo di le tharo tse di ka go welang. Itlhaolele sengwe sa tsona gore ke se go direle.’ ”

11 Gate a ya kwa go Dafita, a mo raya a re: “Morenao buile jaana a re: ‘Itlhaolele!

12 A go tle tlala ya dinyaga di le tharo; gongwe go bolawa ke baganetsi ba gago dikgwedi di le tharo le go fitlhelwa ke tšhaka tsa baba ba gago; gongwe tšhaka yaMorenamalatsi a le mararo, e bong leroborobo mo lefatsheng, fa moengele waMorenaa senya mo nageng yotlhe ya Iseraele?’ Jaanong he, bona sentle o bolele se ke tla se arabang yo o nthomileng.”

13 Dafita a fetola Gate a re: “Ke tlaletswe thata. Nte ke wele mo diatleng tsaMorena; gonne boutlwelo-botlhoko jwa gagwe bo bogolo thata. A ke se ka ka wela mo diatleng tsa batho.”

14 Ke faMorenaa romela leroborobo mo go Iseraele; ga swa banna ba le 70 000 ba Iseraele.

15 Mme Modimo wa roma moengele kwa Jerusalema go mo senya; ya re a ntse a senya,Morenaa ela tlhoko, a rebega bogale, a raya moengele yo o senyang a re: “Go lekanye jaanong! Gonyetsa letsogo.” E ne e le fa moengele waMorenaa eme fa seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi.

16 Jaanong ya re Dafita a tsholetsa matlho, a bona moengele waMorenaa eme fa gare ga lefatshe le legodimo, a tshotse tšhaka ya gagwe e e somotsweng ka letsogo le le otlololetsweng Jerusalema, Dafita le bagolo ba ba apereng masela a boikwatlhao ba wela fa fatshe ka difatlhego.

17 Mme Dafita a raya Modimo a re: “A ga se nna ke laetseng go bala morafe? Ke nna ke leofileng ka senya thata; mme dinku tse, di dirileng?Morena, Modimo wa me, ka thapelo a letsogo la gago le otle nna le ba lapa la ga rre, mme e seng morafe wa gago.”

18 Ke fa moengele waMorenaa laela Gate gore a ree Dafita, a tlhatloge go agelaMorenaaletare mo seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi.

19 Dafita a tlhatloga ka fa lefokong la ga Gate le o le buileng ka taelo yaMorena.

20 Ya re Orenane a retologa, a bona moengele, mme bomorwawe ba bane ba ba nang nae ba iphitlha. Orenane a bo a photha mabele.

21 Mme ya re Dafita a tla kwa go Orenane, Orenane a tlhatlosa matlho, a bona Dafita. Ke fa a tswa mo seboaneng, a ikobela fa fatshe fa pele ga Dafita.

22 Dafita a raya Orenane a re: “Nneela felo ga seboana gore ke ageleMorenaaletare gona, ò go nneele ka tlhwatlhwa e e tletseng gore petso e tlosiwe mo morafeng.”

23 Mme Orenane a fetola Dafita a re: “Se tsee fela. A kgosi mong wa me a dire tse di siameng mo matlhong a gagwe. Bona, ke ntsha dikgomo go nna tsa setlhabelo le meotlwana go nna dikgong le mabele go nna tshupelo. Ke di ntsha tsotlhe.”

24 Fela kgosi Dafita a raya Orenane a re: “Nnyaya, ke rata go di reka ka tlhwatlhwa e e tletseng. Gonne ga nka ke ka tseelaMorenatse e leng tsa gago, ka dira setlhabelo fela, ke sa senyegelwe.”

25 Mme Dafita a ntshetsa felo foo madi a dišekele tsa gouta di le 600, a di neela Orenane.

26 Jaanong Dafita a agelaMorenaaletare gona, a baakanya ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, mme ya re a tlhaeleletsaMoreneng, ene a mo araba ka molelo o o tswang kwa legodimong, wa wela mo aletareng ya tlhabelo ya phiso, wa ja setlhabelo.

27 Ke faMorenaa laela moengele gore a somele tšhaka ya gagwe mo kgatleng ya yona.

28 Go tloga sebakeng seo, fa Dafita a bona goreMorenao mo arabile kwa seboaneng sa ga Orenane wa Mojebusi, a nna a dira ditlhabelo teng.

29 Kana Taberenakele e e neng e dirilwe ke Moše kwa sekakeng le aletare ya ditlhabelo tsa phiso tsone ka sebaka seo di ne di le kwa thoteng ya tlhabelo kwa Gibeone.

30 Mme Dafita a palelwa ke go ya fa pele ga yona aletare eo go batla Modimo; gonne o ne a tshositswe ke tšhaka ya moengele waMorena.