Dafita o fenya motse wa Raba
1 E rile ngwaga o se na go feta ka nako e dikgosi di a tleng di bolole ka yona, Joabe a bolotsa mephato, a senya lefatshe la Baamone a fitlha a dikanyetsa mošate wa Raba ka ntwa, Dafita ene a setse kwa Jerusalema, mme Joabe a thopa Raba a o diga.
2 Mme Dafita a tsaya serwalo sa Milekome,a se tlosa mo tlhogong ya ona, a fitlhela bokete jwa sona e le talente ya gouta, se bile se na le taemane e e tlhokegang; yona ya rwesiwa Dafita tlhogong; a ba a ntsha thopo e kgolo thata mo motseng oo.
3 Mme batho ba ba neng ba le mo go ona a ba dirisa ka šage le ka dikepu tsa tshipi le ka dilepe. Dafita a direla metse yotlhe ya Baamone jalo. Jaanong Dafita le batlhabani botlhe ba boela kwa Jerusalema.
Go fenngwa Bafelesita
4 Morago ga moo ga tsoga ntwa kwa Gesere le Bafelesita. Foo Sibegai wa Mohuša a bolaya Siphai yo e neng e le mokaloba. Bafelesita ba kokobediwa jalo.
5 Ga ba ga tlhabanwa gape le Bafelesita. Ke fa Elehanane morwa Jaire a bolaya Lagemi morwa-rraagwe Goliathe wa kwa Gathe yo lore lwa lerumo la gagwe lo neng lo le kana ka tlhomeso.
6 Ga ba ga lowa ntwa gape kwa Gathe. Teng go ne go le monna yo moleele thata yo o menwana e merataro, e le 24 mmogo diatleng le dinaong. Le ene e ne e le mokaloba.
7 Mme ya re a kgoba Baiseraele, a bolawa ke Jonathane morwa Šimea mogoloa Dafita.
8 Bao e ne e le ba losika lwa mekaloba kwa Gathe, mme ba bolawa ke Dafita le ke batlhanka ba gagwe.